A re feng basetsana seriti
26 Jul 2023
Lekgotla la kabo ditsha la Tati le abetse sekole se segolwane sa Zwenshambe mesangwana ya bomme.
Mephuthelwana eo, ee makgolo a mararo le botlhano e roletswe bogogi jwa sekole ka Mosupologo kwa Zwenshambe.
Fa a tlhalosa maikaelelo a thuso, mothusa mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Tati, Rre David Stimela a re ba ne ba bona go le maleba go abela baithuti ba sekole seo mesangwana ya bomme.
Rre Stimela a re maikaelelo magolo ke go leka go fa bana ba basetsana seriti se se ba tshwanetseng, se se ka ba thusang go gata ka tshosologo fa ba le mo setswalong.
A re lentswa mpho eo e se kalo, ba dumela fa sejo sennye se sa fete molomo, ke ka moo ba kgathalang go thusa setshaba se ba direlang mo go sone ka bonyen jo ba nang le jone.
Rre Stimela o ne a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe sa go ba tswa thuso ka methale e e farologaneng, a bo a leboga le komiti ya lekgotla leo ya botsogo le itshireleletso ka go di goga kwa pele go tlhomamisa gore maikaelelo a bone a atlega.
Kgosi Moses Mabutho wa Zwenshambe, mokhanselara wa Zwenshambe Rre Never Mabutho le mogokgo wa sekole seo, Rre Christopher Nzwaligwa ba ne ba supa boitumelo tebang le tiro e e dirilweng ke ba lekgotla la kabo ditsha la Tati.
Ba supile fa mpho eo, e le maleba ebile e le kemonokeng e e botlhokwa mo setshabeng. Ka jalo ba ne ba gwetlha bodiredi jwa lekgotla leo go tswelela ka mowa oo go ya go ileng.
Mokhanselara Mabutho a re o dumela fa tshwaragano ya bodiredi jwa lekgotla la Tati, e le yone e ba kgontshitseng go fitlhelela maitlamo a bone.
A re lekgotla la kabo ditsha la Tati le mo moonong wa letsholo la thulaganyo ya bosheng ee neng e semolodisiwa semmuso ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi la go fetola ka fa go dirwang dilo ka teng go leka go isa Botswana golo gongwe.
Mokhanselara Mabutho a re se se dirilweng ke lekgotla leo, se tshwanetse sa gwetlha maphata a mangwe go tsaya malebela, a supa fa puso ka nosi e ka se kgone go namola Batswana botlhe ntle le thuso ya setshaba le makalana ka go farologana.
Rre Nzwaligwa ene o supile fa ba nonne pelo go feta ka go bo lekgotla leo le lemogile fa baithuti ba sekole sa bone e le bontlha bongwe jwa Batswana ba ba tshwanetseng go fiwa seriti.
Moeteledipele wa baithuti ba Zwenshambe JSS, Mme Elang Kolane o ne a lebogela dimpho tseo, mme a a gakolola gore baithuti ba basimane ba seka ba bewa ka fa mosing. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : ZWENSHAMBE
Event : Kabo dimpho
Date : 26 Jul 2023