Breaking News

Borre ba maoto a tshupa mo go tsa botsogo

25 Jul 2023

Go ya ka dipatlisiso tsa ba lephata la botsogo go lemogilwe fa borre ba goga dinao mo dikgangnyeng tsa go itse seemo sa bone sa botsogo kana go itlhatlhobela malwetsi.

Lephata la botsogo le leka ka bojotlhe go tla ka ditsela tsa go rotloetsa borre go nna le kgatlhego ya go itse le go inaakanya le tsa kalafi nako e sale  teng.

Mo potsolosong le BOPA, mogokaganyi wa dikgang tsa mogare wa bolwetsi jwa AIDS (District AIDS coordinator), Rre Austin Motsamai a re ba lekile go latela borre kwa mafelong a ba bonwang thata teng jaaka kwa mabaleng a kgwele ya dinao le kwa go itshielwang teng go gasa molaetsa, mme ga gona phetogo.

Rre Motsamai a re seo ga se ba nyemise moko ka ba tsweletse ka go tla ka methale e ba ka lekang go fetola ka fa borre ba dirang dilo ka teng.

O boletse gore maiteko a mangwe a mananeo a bone a go phutha borre, ba agile lefelo la kgotla mo diofising (Rural Administration Centre) go nna ba kopana e le borre ba ba direlang mo lefelong leo.

A re kgotla eo, e tlaa nna le kgosi yo o tlaa nnang a bitsa lebatla la borre, go tla go bua dikgang tse di ba amang le go tla ka ditharabololo.

A re gape seo se tlaa fa borre bangwe ba ba ntseng ba tshwenyega mo moweng gore ba kgone go phuthologa go abelana le ba bangwe matshwenyego a bone.

Rre Motsamai a re kgotla eo, e tlaa rarabolola dikgang tse ditshesane tsa go tlhoka go utlwana mo tirong le go letlanya.

O tsweletse a re ba tlaa nna le nako e ba tlaa ipelelang ngwao le metshameko ka go farologana, seo e le go aga botsalano mo ditirong ka ba dira mo maphateng a a farologaneng.

O ile a supa fa bomme le bone ba tlaa direlwa fa ba ka kopanang teng fa nako e ntse e tsamaya.

Rre Motsamai a re thulaganyo eo ba tlaa bo ba e dira ba tshwaragane le ba ofisi ya ga molaodi, ofisi ya bong, dikgosi tsa motse, lekgotla la borre le komiti e lwantshang kgokgontsho ya bong.

A re o solofela fa go tlaa nna le phetogo ka e bile Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a rotloetsa Motswana mongwe le mongwe go fetola ka fa ba dirang dilo ka teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 25 Jul 2023