Breaking News

African mining e abela komiti P100 000

25 Jul 2023

Khamphani ya African Mining Services (AMS) e abetse komiti ya ditshupo tsa Ghanzi P100 000 le ditanka tsa matlakala dile masome a mabedi.

Fa a rola dimpho tseo bosheng , mookamedi wa AMS Rre Caster Mothibedi o ne a supa fa madi ao a tla thusa go tsamaisa ditshupo tsa temo thuo tsa Ghanzi tse di simolotseng ka Mosupologo go fitlhelela ka Tshipi.

Rre Mothibedi a re  ba dumela fa dikgwebo dina le tshwanelo ya go thusa ka tsela epe fela go tlhabolola matshelo a bone.

A re ba itse botlhokwa jwa go tlhokomela tikologo gore e nne phepha, a re ke gone mo go ba gwetlhileng gontsha ditanka tsa matlakala gore di tle go dirisiwa mo ditshupong tsa Ghanzi go latlha matlakala ka fa go babalesegileng.

Rre Mothibedi o gwethile ba ditshupo gore ba rotloetse baeng ba batlang ditshupong go dirisa ditanka tseo go latlhela matlakala a tlatsa ka gore ba na le seabe le bone ba tshwanetse go ema ka dinao go bona gore tikologo ya bone ga enne leswe.

Fa a amogela mpho eo, modulasetilo wa ditshupo tsa Ghanzi Rre Thuso Mackenzie a re ba tlaabo ba ipelela dingwaga tse di masome a mane le borobabongwe e sale ditshupo tsa Ghanzi di simolola ka ngwaga wa 1974.

Modulasetilo o ne a leboga ba botlhe  ba nnileng le seabe mo go tlhabologeng le go gola ga ditshupo fa e sale  di simolola.

Rre Mackenzie a re kgolo ya ditshupo tse, e oka batho ka bontsi gotswa kwa mafatsheng a kwantle jaaka Afrika Borwa, Namibia, Kenya le Tanzania.

A re kgaolo ya Ghanzi ee tlwalesegileng ka thuo ya dikgomo,e tsweletse ka go gola ka mo nakong ya gompieno e setse entsha dijo tsa boleng le tsa meepo. Kgosi Annah Rankho wa Ghanzi o kopile ba AMS go tswelela ka go thusa e bile a ba kopa go itebaganya thata le morafe are ke bone ba batlhokang di thuso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : GHANZI

Event : Kabo dimpho

Date : 25 Jul 2023