Mopalamente Lesaso o abela bana ba Tobela paka ya sekole
24 Jul 2023
Mopalamente wa kgaolo ya Shoshong gape e le mothusa tona wa Lephata la Thuto, Rre Aubrey Lesaso a re ke tshwanelo ya moithuti mongwe le mongwe gore a apare paka ya sekole go itsa baithuti go farologana.
Rre Lesaso o buile se fa a abela baithuti ba motse wa Tobela paka ya sekole.
Bana ba motse o, ba tsena sekole kwa Shoshong ka go sena sekole kwa Tobela.
Rre Lesaso a re batsadi ba Tobela ba kopile thuso mo go ene, ba ikuela fa bana ba bone ba sena paka ya sekole e bile ba tsamaya ka dinao go ya sekoleng kwa Shoshong bakeng la go tlhoka dipalamo.
A re bana ba le 35 ba ba tsenang dikole tse dibotlana tse di farologaneng, ba kgonne go bona paka ya sekole, e e akaretsang ditlhako, hempe, marokgwe, mesese ya sekole ga mmogo le paka ya mariga.
O kaile fa ba kgonne go reka paka e ka thuso ya Botswana Investment Trade Centre (BITC) e e neng e tsere maikarabelo a go reka paka yotlhe.
Rre Lesaso o tlhalositse fa ofisi ya gagwe e na le mogopolo wa go batlela baithuti sepalamo se se tlaa ba isang le go ba tsaya kwa sekoleng, a supa fa ba sa babalesega go nna ba tsamaya ka dikoloi tse ba sa di itseng.
Kgosi ya motse, Rre Mogakolodi Badirile a re mopalamente o bone go tshwanela gore bana ba nne le paka ya sekole, gore ba tshwane le ba bangwe mme a kopa batsadi gore ba e tlhokomele.
A re paka e, e tlaa tiisa baithuti moko go ithuta ba sa ipone e le botlhoki.
Mongwe wa batsadi, Mme Masego Nkweyagae o tlhalositse fa mopalamente a ba thusitse ka bontsi jwa bone ba sa kgone.
A re go thata go tlamela bana ka ba bereka Ipelegeng mme madi a teng ke o ne a ba pegang bana go ya sekoleng a bo ba ba rekela dijo.
O boletse fa a tlaa tlhokomela paka ya bana ba gagwe ba babedi ba basetsana, a bo a kopa le batsadi ba bangwe go dira jalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onkarabile Moeng
Location : TOBELA
Event : Kabo dimpho
Date : 24 Jul 2023