Breaking News

' Emisang go bipa mpa ka mabele' -Austin

24 Jul 2023

Ratoropo wa Gaborone Rre Abraham Austin a re go a tshwenya go bona bangwe ba ba kgokgontshiwang  ba bipa mpa ka mabele ntswa ba sa tshele sentle.

Rre Austin o buile jalo ka mafelo a beke kwa dikgaisanong tsa mma bontle wa bomme ba ba nyetsweng oo neng o rulagantswe ke lekalana la Mrs Botswana.

Maikaelelo a mmabontle oo, ke go rotloetsa bomme ba ba nyetsweng go tsweledisa dingwe ditoro tsa bone kwa ntle ga lenyalo le gone go rotloetsa popagano ya malwapa le mo manyalong.

Rre Austin a re dikgang ka go farologana tsa kgokgontsho di tsweletse ka go golela pele mme se se ngomolang pelo ke gore bangwe ga ba tsiboge go ka batla thuso go rarabolola dikgang tseo, tse di ba tshidisang bokete gore go tswewe dikgato tse di maleba.

A re bangwe bone le ntswa ba bega dikgang tse, phelelong ba a ditsholola ka mabaka a gore ga ba bate dikgang tsa bone di ka itisiwe ke batho.

Rre Austin a re nnete ke gore dikgang tse di diragalang tsa kgokgontsho di diga seriti e bile gape di ka bakela batho ditla morago tsa botsogo tse e seng tsone.

Rre Austin o akgotse ba-na-le seabe ka go farologana tebang le maiteko a ba a dirang go rutuntsha le go tsibosa setshaba dikgang tsa kgokgontsho ka go farologana.

Le fa go ntse jalo o supile fa a santse a le sebete se molangwana ka jaana fa dithuthuntso tseo di dirwa, di remeletse thata go ka kgothatsa bomme le bana ba basetsana mme di tlogela borre kwa ntle.

A re go botlhokwa go dira dithuto tse di ka rutuntsha borre, go ba tsibosa gore ba ka tsaya kgato efe fa ba gateletswe ke maikutlo a kutlobothoko.

Go sale foo a re go ruta ngwana wa mosimane ka tekatekanyo ya bong le gone go ka dira pharologanyo, a re bangwe bana ba basimane ba gola ka kitso ya gore dingwe ditiro di dirwa ke basetsana fela, mme seo se ka baka kgokgontsho kgotsa sa baya basetsana mo kgatelelong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : GABORONE

Event : dikgaisano tsa mma bontle

Date : 24 Jul 2023