Breaking News

Mogwebi wa dipalamo tsa Bamangwato o bolokilwe

23 Jul 2023

Matshwititshwiti a ne a tshologetse phitlho ya ga Rre Dichaba Tangane ka Matlhatso kwa Selebi Phikwe.

Rre Tangane yo e neng e le mogwebi yo motona wa dipalamo tsa setshaba  go tlhalositswe fa a ne a tsena mo kgwebong ya go betla le go rua a sa le monnye mme ya re ka 1982 a simolola kgwebo ya dipalamo tsa setshaba e e neng e bidiwa Bamangwato Transport e gompieno e bidiwang Bamangwato Coach Tours.

Setlogolo sa gagwe, Mme Onalenna Mmereki o tlhalositse fa Rre Tangane a ne a tsamaya ka bolwetse mme bo sa mo itse go dira ditiro tsa gagwe tsa letsatsi le letsatsi.

Mme Mmereki a re bolwetse jwa ga malomaagwe bo ne jwa itshupa thata ka 2021 fa ane a tshwarwa ka mogare wa COVID-19, a re ga e sa le yone nako eo, ga a ise a tlhole a tsoga ka a ne a ntse a na le malwetse a a neng a tshela ka one.

A re Rre Tangane e ne e le motho yo o tlhaga, yo o neng a seke a letlelela bolwetse go mmaya fa fatshe le fa go ne go le bokete mo go ene.

Mme Mmereki a re, bolwetse bo ne ba simolola go mo gatelela mo bekeng tse tharo tse fetileng ka a ne a nna a rapame fela mo aneng a sa kgone go tswela kwa ntle ga ntlo.

A re o ne a ya sepatela kwa a neng a robadiwa letsatsi fela a bo a tlhokafala, a re dingaka di ne tsa tlhalosa fa a ne a kubugelwa ke bolwetse jwa go swa mhama jo bo feletseng bo gapa botshelo jwa gagwe.

Dibui ka go farologana di kaile Rre Tangane e ne e le motho yo o dingalo, a le bogale ebile a itse tiro ya gagwe.

Moemedi wa bana, Rre Keena Tangane o tlhalositse fa rraagwe a ne a sa dumele mo go nniwang fela go sa dirwe sepe.

Rre Tangane o tlhalositse fa rraagwe a ne a ratela bana ba gagwe botshelo jo bontle ka go ba rotloetsa go tsena dikole gore kamoso ba kgone go ipelega.

O tlhalositse fa ba ithutile go le gontsi mo go rraabone ka ba ne ba na le kgatlhego mo go se a neng a se dira, a re ba tlaa sala ba tsweledisa fa a emeng teng.

A re le fa a ne a le bogale o ne a le pelontle mo babereking ba gagwe ka go ba thusa fa ba na le letlhoko, a re se ka bo so ne se ne se dira gore a seka a senyediwa motlhofo.

O tlhalositse fa rraagwe a ne a rata batho ba Selebi Phikwe, a re se se itshupile ka nako e moepo wa BCL o neng wa tswalwa fa ba ne ba kopa gore go hudusiwe dibase go ya kwa go nang le kgwebo e e botoka mme a pala.

Erile a kgothatsa ba lelwapa mongwe wa bomme yoo mo kgwebong ya dipalamo tsa setshaba ebile e le mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Talita Monnakgotla o kopile bana le ba masika go tswelela ba tshwaragane go tsweledisa fa Rre Tangane a emeng teng.

Mme Monnakgotla o tlhalositse fa go latlhegelwa ke motho wa seemo sa ga Rre Tangane go se bonolo mo go ba lelwapa le lefatshe ka bophara, a tlhalosa fa e le mongwe wa batho ba ba neng ba tshegeditse itsholelo ya lefatshe.

Rre Tangane o tlogela bana ba le lesome le boraro, bana ba bana ba le barataro, dikokomane di le pedi le bo monnawe ba le bane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Phitlho

Date : 23 Jul 2023