Ba Shashe bophirima ba lebogela ditlhabololo
23 Jul 2023
Banni ba Shashe Bophirima ba re fa e sale lefatshe la Botswana le tsaya boipuso ka 1966 ditlhabololo di golela pele mo metseng ya bone.
Magosi a metse eo ka go farologana, ba boletse fa metse mengwe mo kgaolong eo e simologile e le meraka e mengwe e le masimo, metsi le di tsela di seyo ba tshela ka tshokolo.
Ba boletse seo bosheng kwa Mathangwane morago ga go lebelela Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a rola molaetsa mogolo wa go simolodisa thulaganyo ya go fetola ka fa go dirwang dilo ka teng.
Ba re fa esale ka nako eo, ditlhabololo di tlaa ka ponyo ya leitlho ebile mo dingwageng tse di lesome tse di tlang mengwe ya metse ya bone e tlaa bo e le metse setoropo.
Ba tsweletse ba bolela fa ba ikaegile ka temo thuo selo se ba kaileng fa ba batla go fetola gore e nne temo e e nang le di poelo e seng go lema le go ruela go ja fela.
Monni wa Nshakashogwe, Rre Omphile Gabana a re banni ba motse oo ba lerato ebile ba bereka ba le seopo sengwe ka kutlwano le therisanyo.
A re ba santse ba na le mowa wa boipelego thata mo ditirong tsa ditlhabololo tsa motse ka ebile ba kokoantse madi a kanaka P500 000 go thusa mo kagong ya ntlo ya borutelo kwa sekoleng.
A re tebelopele ya bone ke go bona motse wa bone o godile ba tshwaragane ka lorato le tlotlo ebile le banni le bone ba tshela botshelo jo bo eletsegang.
Kgosi Rapelang Khuwe wa Marobela le ene o ne a galaletsa kgatelopelo ya ditlhabololo tse di mo motseng wa gagwe.
A re e re ntswa fa motse o gola le dikgwetlho di a oketsega di tshwana borukutlhi, e le boeteledipele ba motse batla leka go tla ka metlhale mengwe e e tlaa lekang go itepatepanya le jone.
Mogwebi wa monana, Rre Atone Zwinila a re thulaganyo ya go fetola ka fa go dirwang dilo ka teng e ka isa Botswana golo gongwe.
A re banana ba tlhoka kemo nokeng ya batsadi le boeteledipele jwa motse gore ba kgone go atlega mo botshelong.
Rre Zwinila a re gape banana ba na le mowa wa boitlhobogo mme seo se felele se dira gore ba felele ba le mo dinotaging le go amega mo dikgang tse e seng tsone tsa borukutlhi.
A kopa puso go tlhoma mafelo a itloso boduto mo metseng kwa ba tla nnang ba etisa teng.
Mme Oratile Lecha ene a emetse bagwebi o kopile gore diteseletso tsa dikgwebo di dirwe ka maranyane go fokoletsa bagwebi mesepele ya go tsamaya mafelo a a farologanyeng ba dira teseletso.
Go ntse go le foo, baithuti ba sekole se sebotlana sa Mathangwane bone ba re ba eletsa go ka emisiwa kotlhao ka thupa mo dikoleng le go fetolwa ga dijo tse ba di jang bogolo jang dinawa ka sale di jewa bogologolo.
Ba ile ba kopa gore dikole di nne le dikhumpotara gore ba kgone go dirisa maranyane go tokafatsa maduo a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : MATHANGWANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Jul 2023