Breaking News

'A Batswana ba nne le seabe'

23 Jul 2023

Moono wa ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi wa go fetola ka fa go dirwang dilo ka teng o kailwe e le peo e Motswana mongwe le mongwe a tshwanetseng go tsaya boikarabelo jwa go e nosetsa.

Fa a kgwa Tautona Masisi dikgaba morago ga puo ya gagwe ya tshimolodiso ya letsholo la go dira dilo ka tsela e e pharologanyo kwa Zutshwa ka Labone, Kgosi Abethene Kabatlhophane wa motse oo o boletse fa go le botlhokwa gore peo e, e tlhokomelwe gore e tle e ungwele Batswana thobo e e itumedisang.

Mo godimo ga moo, Kgosi Kabatlhophane a re Batswana ba tshwanetse ba disa maikutlo a bone ka e le one modi wa tsotlhe go sa kgatlhalesege gore a di bosula kana di molemo.

A re gore phetogo e nne teng motho mongwe le mongwe o tlamega go tsalwa sesha mo maikutlong.

Monni wa Zutshwa Mme Ontuetse Mantle ene o neseditse pula moono oo wa ga Tautona Masisi a re o tlama motho mongwe le mongwe gore a ikemele ka dinao a kgaratlhele tokafalo ya botshelo jwa gagwe.

Mme Mantle a re sengwe se se ka tlhatlosang Batswana ke go tsaya ka tlhwaafalo mananeo a puso, a supa fa go fetola maikutlo ka mananeo a go le botlhokwa.

Mme Mina Nai yo a tshelang ka bogole o ne e ne a isa boikuelo kwa go ba-nale-bogole jaaka ene go lemoga fa le bone moono o wa go fetola tsela ya go dirwa ga dilo o ba akareditse.

A re ka jalo le bone ba tlamega go intsha kwa morago gore ba tle ba gate mmogo le Batswana ba bangwe.

Mme Nai a re jaaka motho ope yo o sa tsheleng ka bogole a nale tshiamelo ya go gola mmogo le lefatshe la Botswana jaaka le tlaa bo le fetoga le tlhabologa, bone le bone ba tshwanetse ba seka ba ikgogona mo go ba bangwe, a re seo se ka ba tlodisa sebaka sa go kgaratlhela kgolo ya matshelo a bone.

A re sengwe se ba-nale-bogole ba tlhokang go se dira ke go phadisanela maemo le ditiro tse di batlang boikarabelo jo bo rileng ka le bone ba nale bokgoni jwa go di dira.

Monana Rre Monthusi Kakego ene o tlhalositse fa phetogo e sa gake ka gore e bonwa ka maitsholo a motho.

O gwetlhile bangwe ka ene gore ba ikemele ka dinao ba betle isago ya bone, a re tsela nngwe ya go dira jalo ke go fapoga mo ditseleng tsa tshokamo.

Moemedi wa kompone e e epang letswai kwa Zutshwa Rre Tantane Koto o ne a akgolela puso kemo-nokeng ya yone ya dikgwebo.

A re go gontle gore puso e bo e lwa ka gotlhe go bona dikgwebo di itshetletse ebile di dira sentle.

E ne e rile a rola puo ya gagwe, Tautona Masisi o ne a rotloetsa Batswana go tsholetsa dikakanyo le go emisa go inyatsa le go inyenyafatsa.

Dr Masisi o ne a gwetlha batho mo setshabeng go lwela go fetola maikutlo a bone ka bongwe ka bone, a supa fa seo e le pinagare ya katlego ya mokgosi o a o tlhabileng wa go fetola go dira dilo.

A re go botlhokwa gore Batswana ba tsepamise maikutlo le maikemisetso a bone gore e le tshaba ba kgone go fitlhelela tsotlhe tse dintle tse ba di eletsang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : ZUTSHWA

Event : Letsholo

Date : 23 Jul 2023