Breaking News

Monna o ikgapetse botshelo

20 Jul 2023

Monna wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mararo le masome a mararo le botlhano wa kgotla ya Mhiko kwa Kanye o ikgapetse botshelo ka go ikaletsa. 

 Se se tlhomamisitswe ke mogolwane wa mapodisi a Sejelo Supriendent Mogomotsi Matlapeng mo potsolotsong ka Laboraro.

Supt Matlapeng a re ba ne ba amogela boikuelo ka kgaitsadie moswi a bolela fa a sa bone kgaitsadie,mme morago a fitlhelwa a akgega mo setlhareng gaufi le maemelo a dipalamo tsa sechaba tsa Jwaneng mo tseleng ya Jwaneng-Kanye ka Mosupologo. 

A re rre yoo, ga a tlogela molaetsa ope. 

O ne a ikuela mo sechabeng gore fa ba na le mathata ba ikopanye le mapodisi, ba-boipelego, dikgosi kgotsa ope fela yo o ka ba thusa go na le go ikgapela botshelo. Mo go tse dingwe Supt Matlapeng o lebogetse banni ba Gangwaketse boitshwaro jo bontle jo ba bo supileng ka malatsi a ga tautona, a re ga go a nna le kotsi mo ditseleng le fa ele mo malapeng ga go a nna letshweyo lepe.

A re go nnile le dititeo tse di seng kalo fela mo tikologong ya sepodisi e a e okametseng, a supa gore mo ngwageng o fetileng go ne ga nna le dikotsi mme mono ngwaga gone go didimetse fela. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Mapodisi

Date : 20 Jul 2023