Breaking News

Ba kopilwe go bega kgokgontsho

20 Jul 2023

Baithuti ba Tsabong Unified Secondary School (TUSS) ba kopilwe go bega dikgang tsa kgokgontsho gore ba kgone go bona bogakolodi jo bo tshwanetseng.

Kopo eo e tsile ka ka mogolwane wa boipelego mo khanseleng ya Tsabong, Mme Masego Kgomotso kwa thuto puisanong e e e neng e rulagantswe ke ba lekalana la Directorate of Public Prosecutions (DPP) bosheng.

Mme Kgomotso o boletse fa ba sa tshwenngwa ke dikgang tsa kgokgontso ya bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga tse a tlhalositseng fa di tsweletse ka go golela pele mo kgaolong ya Tsabong.

O tlhalositse fa go simologa ka kgwedi ya Moranang ngwaga o o fetileng go fitlha mo nakong ya gompieno ba gatisitse dikgang di le masome a supa, mo go tsone di le masome a mane le bongwe di ama baithuti ba sekole seo.

Le fa go ntse jalo, o ne a supa batsadi bangwe ka monwana a re ba gataka ditshwanelo tsa bana ka go tsholola dikgang tseo, go bipa mpa ka mabele le go kgoreletsa gore badiramelato ba tsweelwe dikgato, ba ikgatholosa ka fa di ka amang bana mo go goleng ga bone.

Mme Kgomotso a re tiro ya bone e tona  e le ba boipelego ke go sidila maikutlo mo go botlhe ba ba iphitlhelang ba amegile a tlatsa ka go ba kgothatsa go tsepama mo dithutong tsa bone go ipetlela bokamoso jo bo siameng.

Mogolwane go tswa kwa ofising ya mosekisi mogolo ya DPP kwa Lobatse, Mme Julliet Senabe o gakolotse baithuti ba sekole seo go ikemela ka dinao ka go bega le go ikuela ka dikgang tsa kgokgontso gore badira molato ba kgone go sekisiwa le go tseelwa dikgato tse di maleba.

Mme Senabe o ne a tlhalosetsa baithuti fa ofisi ya DPP e le ya babueledi ba puso mme maikaelelo a bone ke go isa molaetsa kwa setshabeng mabapi le dikgang tsa kgokgontso ka di ba tshwentse thata bogolo jang e e amang bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi.

O ne a gwetlha mongwe le mongwe le setshaba go ema ka dinao le go tlhomamisa gore ba ikuela. O tlhalositse fa kgokgontsho e tsuolola ditshwanelo tsa setho le go diga seriti sa motho ka di ama maikutlo le gore motho o tshela ka kutlobotlhoko ka lobaka lo loleele fa a sa thusiwe ka nako go sidilwa maikutlo. 

A re dingwe tsa dikgang tseo gareng ga tse dingwe tse di diragalelang bana di akaretsa matshosetsi a polao, dikiteo, go phoraphora, tlhakanelo dikobo le bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi, thubetso le tse dingwe, selo se a supileng fa ditla morago tsa teng di sa siama ka di ka ba senyetsa bokamoso. 

O boletse fa maikaelelo a lekalana la DPP e le go tsamaya lefatshe leno ka bophara go ruta setshaba ka  kgokgontso gore ba tlhaloganye le go itse ka yone.

Fa a tswa la gagwe, Inspector Lucy Dinake go tswa mo sepodising sa Tsabong mo lekalaneng la bong le tshireletsego ya bana, o ne a supa fa go butswe ofisi e e itebagantseng le dikgang tsa kgokgontso mo Tsabong morago ga matshwenyego a dikgang tseo tse di sa ba jeseng diwelang. Inspector Dinake o boletse fa ba sepodisi ba tseela dikgang tsa kgokgontso  kwa godimo ka tiro ya bone e le go sireletsa setshaba mmogo le dithoto tsa bone. 

O ne a gwetlha baithuti go phuthologa go begela ba sepodisi ka jaana e le tiro ya bone go ba sireletsa le go rekegela maikutlo a bana ka sengwe le sengwe ebile le  ditlhotlhomiso ba di direla mo sephiring mme ebile ba ka se rothise mmutla mo bosuping botlhe jo ba bo tlhokang. 

A re gantsi dingwe tsa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone e le bangwe ba ba tshabang go dira ditlhatlhobo kwa go ba bongaka fa bangwe ba  sireletsa badiramolato, selo se se felelang se ba ketefaletsa dikgang ka jaana bosupi bo tlhaela. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Thuto-puisano

Date : 20 Jul 2023