Modisadikago o fitlhetswe a tlhokafetse
20 Jul 2023
Modisa-dikago kwa kgotlaneng ya Bontleng kwa Tsabong o fitlhetswe a tlhokafetse kgwedi eno e le lesome le borataro.
Moswi yo o dingwaga tse di masome a mararo le botlhano (35) a tlholega kwa Maralaleng o fitlhetswe mo tanteng e e neng e bonala mosi le mbaola (magala a a tsenngwang mo thining go dira bothito fa go le serame).
Mookamela mapodisi a Tsabong Superintendent Christopher Tlhapi-David o tlhalositse fa ba begetswe tiragalo eo ka Sontaga mme ba ragogela kwa tiragalo e diragetseng teng, kwa ba fetileng ba isa monna yoo kwa kokelong ya Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse.
O boletse fa mo nakong eno serepa se le mo setsidifatsing sa kokelo ya Tsabong fa e tla a re mo bogaufing se isiwe kwa kokelong ya Princess Marina go tlhatlhobiwa ke ba bongaka, fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse.
Superintendent Tlhapi-David o boletse fa gape e ne ya re ka Mosupologo ba begelwa tiragalo e e masisi e e diragetseng gaufi le motse wa Omaweneno e mo go yone koloi ya modiro wa BMW e neng ya pitikologa morago ga gore e tswe mo taolong mme mokgweetsi wa yone a palelwa ke go e laola.
Superintendent Tlhapi-David o boletse fa bapalami ba ne ba le bane ka palo, ba ba magareng ga dingwaga tse di masome a mararo le masomea mararo le botlhano, mme mokgweetsi le mopalami yo mongwe ba ne ba bona dikgobalo tse di masisi.
O supile fa mo nakong eno ba sa ntse ba le kwa kokelong ya Tsabong mme ba sidilega fa ba babedi ba ne ba alafelwa dikgobalo tse di potlana mme ba gololwa.
Le fa go ntse jalo ramapodisi o ne a akgola le go leboga banni ba kgaolo ya Tsabong le metse e e mabapi ka boitshwaro le tirisano mmogo e ntle ka malatsi a ga boitaploso a ga tautona, a ba kopa go tswelela ba dira jalo le mo nakong ee tlang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Mapodisi
Date : 20 Jul 2023