Breaking News

Bagodi ba abelwa dibaebele

19 Jul 2023

Lekoko le le eteletsweng pele ke moruti Ndiwenyu Tjibi le abetse batho ba le lekgolo dibaebele.

Moruti Tjibi o tlhalositse ka Labobedi kwa Tutume gore letsholo la go aba dibaebele le tla morago ga go lemoga fa batho bogolo jang bagodi ba sokola ka go tlhoka baebele.

O tlhalositse fa a tshwaragane le bangwe mo letsholong le, a re maikaelelo magolo e ne e le go abela bomme go ba rotloetsa mo tirelong ya letsatsi la bone la Labone.

A re bomme ke batho ba ba kutlwelobotlhoko le go ema ba bangwe nokeng fa mongwe a wetswe ke seru ka jalo dibaebele tseo di tlaa kgona go dira tiro ya bone motlhofo.

Moruti Tjibi a re masula mangwe a a diragalang a bakwa ke go bo batho ba ikgatholosa ditaelo tsa Modimo tse di mo Baebeleng.

Mothusa modulasetilo wa mokgatlo wa Emang Basadi, Mme Tumani Masole o kopile bomme go ema ka dinao gore mantswe a bone a utlwale.

Mme Masole a re lefatshe la Botswana le aperwe ke seru sa kgokgontsho ya bong, dipolaano le tiriso botlhatswa ya dinotagi,a re tseo di ka nyelediwa ka tshwaragano le go boifa Modimo.

A re lefoko la Modimo mo baebeleng le ka fodisa dipelo tse di thubegileng mme seo se kganele dikgang tse di sa nnang sentle.

O ne a leboga moruti Tjibi ka thulaganyo ya gagwe ya go aba baebele e e ranoletsweng mo temeng e batho ba kgaolo eo ba e tlhaloganyang ya Sekalaka, a re seo se tlaa dira gore ba tlhaloganye ditemana botoka mme ba kgone go ruta ba bangwe.

Fa a lebogela dimpho tseo, Rre Liketso Nkhwalume o boletse fa peo e jadilwe mo motseng ebile bontsi bo tlaa sokologa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Kabo dimpho

Date : 19 Jul 2023