Breaking News

Bomme ba amiwa ke leuba

19 Jul 2023

Go lemogilwe fa bomme le bana ba basetsana ba amiwa ke leuba thata.

Se se builwe ke mogolwane wa Lephata la tsa Dikgwa le Dibapalwa Nageng go tswa ofising ya Maun Mme Tshenolo Chrispan bosheng mo letsatsing la go lwantsha bosekaka le leuba kwa Gumare bosheng.

O ne a re letsatsi leo le ne le phuthile ba tsaya karolo go sekaseka gore go ka dirwa jang go ya pele ka seemo seo.

Mogolwane go tswa kwa ofising ya tsa Tikologo mo Bokone Bophirima Rre Jobe Manga o ne a re mathata a bosekaka le leuba gantsi a bakiwa ke phetogo ya loapi le matshelo a batho.

Rre Manga o ne a re phetogo eo e baka gore dinoka di kgale, palo ya diphologolo e ye kwa tlase mo go bakang manokonoko mo bathong.

O ne a supa fa go le gantsi bomme e le bone ba fepang malwapa a bone ka dijo mme ka jalo ba amiwa thata ke bosekaka le leuba.

Rre Manga o ne a re ka jalo goromente o tswa ka mananeo go thusa go fokotsa manokonoko ao jaaka letlole la tikologo la madi le le thusang baikopedi ka madi go lwantsha bosekaka gore batho ba kgone go tshela le seemo seo.

Moemedi go tswa ofising ya ga motshwarelela mothusa Molaodi wa Okavango Rre Phanuel Bagonoti o ne a re bomme le bana ba basetsana ba saletse morago mo go tsa lefatshe ka mabaka a go tshwana le melao ee kgethololang ka bong.

Rre Bagonoti o ne a re kgotlelesego ya lefatshe le leuba, le thaelo ya metsi di ama bomme le bana ba basetsana bogolo thata ka go bo ele bone ba inaakantseng le temo thuo.

A tlatsa ka gore mo mafatsheng a mantsi bomme le bana ba basetsana ba ka fa mosing mo go tsa go nna le lefatshe ka melao ya manyalo e e fa borre tshwanelo ya lefatshe go na le bomme.

Mookamedi wa Lephata la Dikgwa le Dipalwa Nageng kwa Bokone Bophirima Rre Letsholo Dithapo o ne a tlhalosa fa maikaelelo a letsatsi leo ele go tsibosa setshaba bogolo jang bomme le bana ba basetsana gore ba nne le seabe ba ntshe lentswe.

Rre Dithapo one a re bomme mo Botswana ba isa dijo mo malwapeng jaaka go bapala di tswa nageng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : GUMARE

Event : Letsatsi la go lwantsha bosekaka le leuba

Date : 19 Jul 2023