Ditsela di leba Zutshwa
18 Jul 2023
Lerole le tlaa bo le beta mokodue fa batho ba kgaolo ya Kgalagadi North ba ketemelela kwa Zutshwa kamoso go itseela ka tsebe fa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a rola molaetsa mogolo wa go simolodisa thulaganyo ya go fetola ka fa go dirwang dilo ka teng.
Go fetola ka fa dilo di dirwang ka teng go neetse bangwe tsholofelo ya gore itsholelo e tlaa tokafala le gore Botswana o tlaa tswelela ka go tlhabologa.
Batswana bangwe ba boletse mo potsolotsong gore ba solofetse go le gontsi mo puong ya ga Tautona Masisi.
Ba re ba na le tsholofelo, le ntswa bangwe ba dumela fa go tlaa seke go nne bonolo gore Batswana ba fetole ka fa ba dirang dilo ka teng.
Monni wa Hukuntsi, Rre Nelson Moncho, a re o dumela fa banana ba ka ema ka dinao go goga kwa tlhogong kgang e.
“Go na le puo e e reng bonno botlwaelo, ke gore ha motho a tlwaetse selo ga go motlhofo go se tlogela.
Mme ka bontsi jwa Batswana e le banana, ba tlaa re goga ka ba le bofefo go tlhaloganya dilo,” a tlhalosa jalo.
Rre Moncho o kopile puso go tlhomamisa gore mongwe le mongwe o akarediwa mo mosepeleng o.
Kgosi Sibangani Mosojane wa Mosojane le ene o supile fa go simolodisiwa ga lenaneo le go tlaa isa Botswana kwa pele.
Le ene o gateletse gore thulaganyo e, e tshwanetse go akaretsa mongwe le mongwe le ntswa go ka nna ga se ka ga nna bonolo.
Kgosi Mosojane o boletse gape fa go goga maoto ga bodirelapuso bangwe go ka dira gore mosepele o o seka wa atlega jaaka go solofetswe.
Moeteledipele wa lekgotla la baruti la Serowe, Bishop Morategi Selapa,ene a re thulaganyo e, e tlhoka go tlhomelwa batho ba ba boikanyego go e tsamaisa.
O tladitse ka gore ope a seka a tlogelwa kwa morago gore katlego e tle e bonale.
Mogwebi wa monana, Rre Keadibele Bobeng, a re thulaganyo ya go fetola ka fa go dirwang dilo ka teng e ka isa Botswana golo gongwe
A re maranyane a ka dirisiwa go nonotsha maikaelelo a puso.
Rre Bobeng o rotloeditse Batswana go emisa go batla ditharabololo tsa mathata a lefatshe la bone kwa ntle mme ba batle ditharabololo go tswa mo Batswaneng ba bangwe.
Thulaganyo ya go fetola mokgwa wa go dira dilo e ikaelela go aga mowa wa go dira ka natla le go thusa lefatshe leno go fitlhelela itsholelo e e kwa godimo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Gaborone
Event : Potsolotso
Date : 18 Jul 2023