Breaking News

Modiri wa Lephata la Kgaso o bolokilwe

18 Jul 2023

Dibui ka go farologana di supile fa modiri wa Lephata la Kgaso kwa Selebi Phikwe Rre Tlhogo "Captain" Balebetse yo o fitlhilweng ka Matlhatso a ne a le tlhaga, boineelo ebile a rata tiro ya gagwe.

Balebetse yo o neng a dira e le modisadikago o tlhokafetse kgwedi eno e le borataro morago ga go lwala ka lebaka.

Badiri ba lephata la kgaso, ditsala le masika ba supile fa Rre Balebetse o neng a itsege ka "Tlhogo" a ne a le lerato mme e bile ka lerato mo tirong ya gagwe ya tsa itshireletso a ne a felela a inaakantse le dikomiti tsa twantsho borukutlhi a bereka le mapodisi go lwantsha borukutlhi.

Mongwe wa babereki ka ene ebile e le tsala ya gagwe Rre Koolathe Mathiba o supile fa a latlhegetswe thata, a supa fa e ne le Tlhogo  ba ne ba tshwaragane fela thata mo go tsa tiro le tsa botsala ja bone.

A re ba ne ba nna ka go kgothatsana, ba fana maele a botshelo e bile ba kgalema fa yo mongwe a tswa mo tseleng.

Balebetse yo o berekileng mo lephateng la Kgaso dingwaga di feta masome mabedi o tsetswe ka ngwaga wa 1963 kwa motseng wa Malaka.

Mmereki ka ene Mme Karabo Molosi a re ga go a latlhegelwa ba lelwapa fela mme le bone e le ba lephata la Kgaso ba futsafaditswe ke leso la modiri ka bone.

A re Balebetse o tlogetse phatlha e tona e ka se thibiweng ke ope mme a kopa ba lelwapa la boorra Balebetse go gomotsega le go ikanya Modimo ka dinako tsothe.

Tatlhegelo e e supilwe gape ke ba sepodis, ba supa fa Balebetse a ne a ba thusa go tla ka mananeo a masha a go lwantsha borukutlhi, selo se se neng se ba thusa gore ba gape dietsele tsa twantsho borukutlhi.

Moswi o tlogela mosadi, bana ba le batlhano ga mmogo le bo mogolowe le bo-monnawe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Selebi Phikwe

Event : Phitlho

Date : 18 Jul 2023