Breaking News

Moithuti o fitlhetswe a tlhokafetse

18 Jul 2023

Moithuti wa sekole se segolwane sa Kgolagano kwa Middlepits o fitlhetswe a tlhokafetse gaufi le terata ya sekole seo bosheng.

Mookamela mapodisi a Middlepits, Superintendent Kebadire Mmopi, o boletse mo potsolotsong gore mofeti ka tsela o bonye mosimanyana yo  wa dingwaga tse lesome le boraro a rapaletse  gaufi le terata ya sekole mme a begela mogokgo yo a neng a itsise mapodisi.

 Mapodisi a ne a ragosetsa mosimanyana yoo kwa kokelong ya Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a tlhokafetse.

Superintendent Mmopi a re mo nakong ya gompieno serepa se mo setsidifatsing sa kokelo ya Tsabong mme e tlaa re mo bogaufing se romelwe kwa kokelong ya Princess Marina kwa Gaborone go tlhatlhobiwa ke dingaka.

Ditlhotlhomiso tsa mapodisi di sa ntse di tsweletse mabapi le tiragalo e.

Superintendent Mmopi o boletse fa go ya ka mogokgo, moswi a ne a tsena dithuto ka fa go tshwanetseng ka teng mme morago ga dijo tsa sefitlholo a seka a iponatsa kwa ntlung ya borutelo.

Mookamela mapodisi a Middlepits o supile fa moswi a tlholega kwa Khuis mme a ne a dira mophato wa ntlha. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : MIDDLEPITS

Event : Mapodisi

Date : 18 Jul 2023