Breaking News

Popagano ya dikereke e botlhokwa

18 Jul 2023

Mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi a re go botlhokwa gore dikereke tsotlhe di bereke mmogo go aga tshaba e e boitshepo. 

Rre Moabi o buile se kwa bokopanong jwa kereke ya The Holly Gospel Apostolic Church in Zion e e neng e tshwaretswe kwa motseng wa Mosojane bosheng. 

O tlhalositse fa go kopana ga dikereke tse di farologanyeng le go dirisana go le botlhokwa ka jaana di tswelela di lalediwa go rapelela dikgwetlho di tshwana le dikotsi tsa tsela, malwetse le babusi le magosi a lefatshe. 

Ka jalo o ne a kopa dikereke go tswelela di rapelela borre le banana le go ba laletsa go tsenelela ditirelo ka e le bone ba ba amegang thata mo ditirong tsa borukhutlhi, kgokgontsho, tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi. 

Rre Moabi o ne a rotloetsa maloko a dikereke go emisa go lwela maemo ka seo se thuba le go di phatlalatsa. A re le ntswa se se sa ame kereke ya The Holly Gospel Apostolic Church in Zion, bontsi jwa maloko a dikereke ba lwela maemo le madi a moneelo. 

Rre Moabi o ne a kopa kereke eo go rapelela kgaolo ya Tati Bophirima ka e aparetswe ke bogodu jwa mo malwapeng le marekisetso, a tlatsa ka gore e re le ntswa seemo se tokafetse mo dibekeng tse tharo tse di fetileng, go ne go setse go utsulwe dikoloi di feta lesome le bongwe mo kgweding e e fetileng. 

Fa a tlhalosa ka seemo sa kereke eo e e simolotsweng ka ngwaga wa 1935 ko Thabazimbi, Bishop Tukatuka Paulos a re e ne ya- re ka Mopitlo ngwaga wa 1975, kereke ya bulwa kwa Mookane mme ya anama le metse e mengwe mme morago ga bulwa lekala le lengwe kwa Namibia. 

Bishop Paulos o tlhalositse fa kereke eo e sena tlhaolele ka jaana e amogela batho ba letso lengwe le lengwe, a tlatsa ka gore ba seoposengwe ka kereke e bopaganya setshaba. 

O ne gape a tlhalosa fa baruti ba sa tshwanela go inaakanya le dikgoberego ka jaana sa bone e le go agisanya batho, go fa bogakolodi le bokaedi fa go na le diphaapang le dintwa fa gare ga batho kana mo malwapeng. 

A re baruti ga ba a tshwanela go reka dilwana tsa bogodu, a tlatsa ka gore baruti ga ba a tshwanela go ya kgotla tshekelong fa e se baya go fa bosupi fela. 

A re mo kerekeng ya gagwe, gore leleko le tlhomiwe go nna moruti, le tshwanetse go bo le nyetse go itsa go thuba kereke le go tsisa mathata le diphapang. 

 O ne a supa fa a le kgatlhanong le dikereke tse di tsenelang mo malwapeng mme a rotloetsa gore di ikopele ditsha go aga dikago tsa sennela ruri. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Goweditswe Kome

Location : MOSOJANE

Event : BOKOPANO BA DIKEREKE

Date : 18 Jul 2023