Breaking News

Kgosi Khama o bolokilwe

18 Jul 2023

Dibui ka go farologana di supile fa Kgosi Sekgoma Tshekedi Khama e ne e le motsadi, a ne a rata go gakolola, a rata kagiso, e le moeteledipele wa popota, a rata go thusa kana go fa batho, a le tlhaga, bonolo, boikobo, e bile a tsaya batho ka go lekalekana.  

 Kgosi Sekgoma Khama o tlhokafetse kgwedi eno e tlhola malatsi a le borataro a le dingwaga di le masome a ferabobedi le bobedi a sena go lwala kgwedi eno e tlhola malatsi a le borataro. O tlhokafalela kwa Gaborone.

  E ne e le ngwana wa bobedi wa ga Kgosi Tshekedi Khama yo boeteledipele jwa gagwe jwa bogosi bo neng jwa tuma thata ka dingwaga tse a neng a busa. 

 Bana ba ga Kgosi Tshekedi Khama e ne e le Leapetswe Khama, Sekgoma Khama, Semane Khama, Modiri Khama, le Mphoeng Khama mme botlhe ba ne ba tlhokafala ka dinako tse di farologaneng.  

  Kgosi Christopher Masunga yo a dirileng le Kgosi Khama kwa lekgotleng la makgotla a Setswana la boikuelo e le mookamedi wa lone, a re ntswa a ne a le mmotlana mo go Kgosi Khama ka dingwaga,  Kgosi Khama o ne a mo fa tlotla fela thata ka e ne e le mogolwane wa gagwe.

   O ne a supa fa ba ba dirile mmogo dingwaga di ferabobedi mme ba dira tiro e e masisi ka e ne e le ya go reetsa ditsheko tsa boikuelo tsa Batswana gammogo le go sekaseka ditsheko dingwe tsa borukutlhi go tswa mo kgaolong e e bophara  e simolaga kwa Dibete go akaretsa le Chobe le GooTawana. 

  A re Kgosi Khama o ne a rata go bala thata, a batlisisa pele ga a ka ntsha  katlholo ka a ne a dumela fa dikatlholo go tswa kwa lekgotleng le le kwa godimo di tshwanetse tsa  nne sekao mo makgotleng aa kwa tlase. 

 A re Kgosi Khama o ne a le mamu e bile a rata gore go buisanngwe gape go gakololanwe gore go nne le kagiso. 

 Mongwe wa ba berekileng le Kgosi Khama fa a ne a le moemedi wa Botswana kwa Sweden le mafatshe a Scandinavile  Mme Nobanthu Kalake o tlhalositse fa Kgosi a ne a le boikobo, a le boingotlo e bile ba ba neng ba tswa  kwa mafatsheng a mangwe ba ne ba itse gore Batswana ke batho ba ba boingotlo.

  A re o dirile le Kgosi Khsama ka ngwaga wa 1998 go tsena 1999, a supa fa e ne e le motho yo oneng a tsaya  babereki ka tekatekano mo ofising gotlhe le merafe e mengwe e e neng e bereka kwa ofising ya Botswana. 

    Mme Kalake a re ka fa Kgosi Khama a neng a ntse ka teng, merafe e mengwe go akaretswa le wa Sweden ba ne rata Botswana ka gore ba ne ba tsewa ka tekatekanyo. 

 Borangwane e bong Rre Mokhutshwane Sekgoma le Kgosi Sediegeng Kgamane ba supile fa leso la ga Kgosi Khama le tlogetse phatlha e tona fela thata ka ba bogosi ba ne ba ikaegile ka ene. 

 Ba supile fa ba sa  latlhegelwa ba le nosi, mme le setshaba ka kakaretso se latlhegetswe. 

 Ba tlhalositse  fa ba ne ba tsaya dikgakololo mo go ene. Rre Sekgoma  a re Kgosi Khama o ne a dumela mo bogosing mme a dumela fa bogosi bo tsalelwa e bile a dumela fa kgosi e tshwanetse ya  amogela mongwe le mongwe le go tsaya botlhe ka tekatekanyo. 

  Kgosi Khama go tlhalositswe fa a alositse mephato e le mene go ya ko go e merataro.

Kgosi wa Pilikwe Kgosi Gasebalwe Seretse o tlhalositse fa Kgosi Khama e ne e le rangwane yo motona e bile a ne a belege GaMmangwato. 

 A re o ne a ikaegile ka ene mo dikgakololong tsotlhe bogolo jang tse di amanang le tiro ya gagwe ya bogosi.

  Fa ditsala tsa gagwe Rre Joel Pelotona le Rre Gordon Opelokgale ba ne ba supa fa Kgosi Khama a ne a rata fa go nang le kagiso teng e bile a tlhomamisa gore kagiso e nna teng ka nako tsotlhe.

 Rre Phokontsi Seeletso ene o supile fa Kgosi Khama e ne e le moeteledipele wa mphato wa Matsosa mme mophato wa gagwe o diretse setshaba fela thata. 

Moemedi wa bana Rre Ewetse Khama a re rre rraagwe e ne e le motho yo o neng a rata bana ba gagwe le ba lelwapa la gagwe, a le pelotelele e bile a rata go tlhatlosa batho fa ba leng teng a ba thusa.

  O tlogela basadi ba gagwe ba bararo, bana ba le bararo le bana ba bana ba le barataro. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Pilikwe

Event : Phitlho

Date : 18 Jul 2023