Breaking News

BALA e tlogela motlhala kwa Tsabong

13 Jul 2023

Lekgotla la  Botswana Association of Local Authorities (BALA) le abetse  batlhoki ba le barataro dijo le madi a seshabo tse di lopileng P4 000 mo Tsabong.

Lekgotla le, la makhanselara le ne  le diragatsa lengwe la maikaelelelo a lone  a go tsisa pharologanyo mo matshelong le go tlogela motlhala mo mafelong a ba tshwarelang bokopano jwa bone mo go one.

Fa a tlhalosa maikaelelo a bone, mongwe wa lekoko la komiti ya BALA Welfare Commission Mokhanselara Stephen Lekgobero o ne a bolela fa ba itebagantse  le go tlhokomela, go lebelela matshelo, ditirelo le mabaka a tsa pereko a makhanselara.

O boletse gore jaaka ba ne ba tshwaretse bokopano jwa bone mo Tsabong maikaelelo ke go tlogela motlhala o ba tlaa gopolwang ka one.

A re maikaelelo ke go direla kana go abela  setshaba fa ba ntse ba  dikologa le dikhansele go tshwara bokopano gane mo ngwageng.

O boletse fa komiti ya BALA Welfare Commission e ne ya tshwaragana le komiti ya ditlhabololo tsa motse, ofisi ya boipelego mo Tsabong go kopa   maina a batho ba le barataro go ba thusa ka dijo ka ebile di tlhokega thata mo nakong eno ya mariga go thutafatsa mmele.

Mokhanselara yo o itlhophetsweng go tswa Gantsi Rre Modise Madumane yo e leng motshwara madi wa komiti  eo o boletse fa ba ne ba thulanya  ditlhogo mme ba dumalana e le makhanselara go ntsha bonnye mo dikgwatlheng tsa bone go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. 

O boletse fa ba ne ba kgobokanya madi a dimpho tse ba di kgaogantseng malwapa a le marataro mo kgotleng ya Ikageng mo Tsabong.

Rre Madumane o ne a supa fa e le thulaganyo le lerato la Modimo gore ba bo ba kgonne go thusa ba ba tlhokang mme a ba kgothatsa go ikanya Modimo ka nako tsotlhe le go solofela go le gontsi ka o ka ba direla tse di molemo.Fa a leboga mongwe wa ba ba abetsweng Rre Lecture Bareki, yo e leng motshameki wa pele wa setlhopha sa kgwele ya dinao sa Desert Nxau yo ene a abetsweng materase, kobo le dijo o ne a galaletsa makhanselara ka tiro e ntle e ba e dirileng.

Mo mafokong a malebo Mokhanselara wa Tsabong Botlhaba Rre Peter Megano o ne a supa fa bokopano jwa makhanselara bo dirile pharologanyo e tona mo bagwebing ba kgaolo eo bogolo jang ba dikgwebo tsa maroko ka ba tlaa oba letsogo.

O ne a supa fa gape ba dirile phetogo mo matshelong a banni ka go abela batlhoki mo kgaolwaneng ya gagwe.

Mokhanselara Megano o ne a tlatsa ka go supa fa seo e le go supa tshwaragano le mowa wa kutlwelo botlhoko.

O gakolotswe ba ba abetsweng go tlhokomela dijo tseo. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : BALA

Date : 13 Jul 2023