Malope o rotloetsa morafe go tsenya letsogo
13 Jul 2023
Kgosi Malope II o rotloeditse Bangwaketse go tsaya ka tlhwaafalo phepafatso ya mabitla otlhe mo Kanye e e tla simololang kamoso go fitlha ka Mosupologo.
Kgosi o supile fa mabitla otlhe ka bone jwa one a Lodubeng, Kgwakgwe, Mpuutsane le Gamokongwana a tlhoka go phepafadiwa, ka jaanong dirukutlhi di a dirisa e le bonno jwa tsone.
Are go sale go ngongoregwa ka leswe la mabitla, a tlatsa ka gore bangwe ba kile ba mo kopa gore a bitse mophato o ye go phepafatsa mme se, sa seka sa kgonega ka nako eo.
O ne a ngongorega ka batho bangwe ba ba iphang ditsha mo mabitleng ka go agelela ba re ke fa ba tla bolokelang ba ga bone teng.
Fa a buwa ka maikaelelo a go phepafatsa mabitla, modulasetilo wa komiti ya phepafatso mabitla Rre Carlos Loeto a re komiti ya gagwe e dira se ntle le tuelo.
A re ba dira se ba lemogile gore mabitla a Kanye a mo seemong se se sa iketlang.
A re ba akareditse maphata a tshwana sepodisi gore e re fa go ka bonwa sengwe se se fatlhang fa tiro ya go phepafatsa e tsweletse ba bo ba le teng. O kopile ba-tsena phuthego go rotloetsa botlhe go tsaya karolo mo phepafatsong e.
Kgosana wa kgotla ya Lodubeng Rre Thapelo Sane o tlhalositse fa magodu a bolaela dikgomo kwa mabitleng ao ka ba lemogile fa a le sekgwa, e bile go se motlhofo gore batho ba ka ba bona. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : POTSOLOTSO
Date : 13 Jul 2023