Breaking News

Mokgatlho o abetse bagodi balwetse

13 Jul 2023

E ne yare ka Labobedi ba Tlhoiwe & Tlhoiwe Foundation ba abela mekgatlho e ikemetseng jaaka wa Dingwetsi Foundation, Refa Ka Bone, Bamalete Luthern Hospital (BLH) le bagodi ba Ramotswa, Taung, Mogobane le Otse dikobo di feta makgolo a marataro.

Mokgatlho o wa bopelotlhomogi, o o itebagantseng le go thusa setshaba ka tsa botsogo, o simolotswe ke Dr Tumelo Tlhoiwe le Dr Derrick Tlhoiwe ka 2016. 

Mokgatlho o, o itebagantse gape le go thusa bagodi, ba-na-le bogole le gone go lwantsha kgokgontsho ya bong.

Fa a rola dimpho, Dr Tlhoiwe a re mo tirong ya bone ya bongaka, ka go lemoga gore serame ke sengwe sa tse di tsisang manokonoko a bokoa mo mmeleng wa motho segolobogolo mmele wa bagodi, ba ne ba tsaya tshwetso ya go simolola go abela bagodi.

A re o lemogile gore mo dikgaolong tsotlhe tse a kileng a direla mo go tsone GaMalete ke kgaolo e e nang le palo e e kwa godimo ya bagodi.

“Mo go tsa botsogo dipatlisiso di supile fa serame se babalela thata bagodi, ke ka moo re boneng dikobo e le mpho e  e maleba mo pakeng ya mariga segolo bogolo mo bekeng eno, e ba tepo-lowapi ba supileng gore serame se tlaa nna bogale thata,” Mme Tlhoiwe a tlhalosa.

Ntswa diofisi tsa bone di le kwa Ramotswa le Gaborone mokgatlho o o thusa batho lefatshe ka bophara.

O rotloeditse morafe bogolo jang bagodi go ipabalela mo serameng.

Dr Derrick Tlhoiwe a re go aba kana go segofatsa mongwe ka wena ke tshimologo ya ditshegofatso.

 “Go segofatsa kana go tlhokomela bagodi ba rona ka ntlha nngwe re a bo re tlhokomela lefatshe ka bophara ka re ipulela dikgoro rele kokomane ya gompieno le kamoso. Boitumelo jo bogolo bo tswa mo go direleng mong ka wena,o re rutile jalo Morena Jeso.”

O supile fa mokgatlho wa bone o  sa itebaganya fela le go fa di thuso tsa botsogo mme gape ba inaakantse le go tlhokomela bagodi le batlhoki ka go ba abela tsele le tsele. 

Tlhoiwe & Tlhoiwe Foundation e inaakantse gape le go lwantsha segajaja sa kgokgontsho ya bong.

Mmaboipelego kwa BLH Mme Gagoelwe Pule o ne a supa boitumelo a lebogela mpho go tswa kwa go ba Tlhoiwe & Tlhoiwe Foundation, a re se ke sesupo sa lerato.

O supile gore mpho eo, e tona ka gore ba Tlhoiwe & Tlhoiwe Foundation ba ba thusitse go oka balwetse e le ba sepatela sa Bamalete, a tlatsa ka go re bagodi ga ba kitla ba gana go tla kokelong ka ntlha ya serame.

 A re se ba se dirileng se thibile fa sepatela se tlhaelang teng.

Tautona wa mokgatlho wa Dingwetsi Association Mme Grace Siver a re Botswana  o tlhoka matsogo a a abang ka jalo ba tlaa ithuta mo go ba Tlhoiwe & Tlhoiwe Foundation gore le bone ba simolole go aba eseng go nna baamogedi fela.

Dr Tlhoiwe a rotloeditse maphata, makalana le mekgatlho e ikemetseng go ema ka dinao go thusa puso go lwantsha botlhoki le gone go tlhokomela bagodi lefatshe ka bophara ka seo se ka imolola morwalo le go tsamaisa ditirelo tse dingwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Itumeleng Naane

Location : RAMOTSWA

Event : Kabo dimpho

Date : 13 Jul 2023