Breaking News

Lenaneo la KgomoKhumo le ntsha maduo 1

12 Jul 2023

Lenaneo la mapodisi la go lwantsha bogodu jwa leruo la KgomoKhumo le tsweletse ka go ntsha maduo mo kgaolong ya ga Ngwaketse.

Moanamisi mafoko wa Sepodisi sa Botswana, Assistant Commissioner Dipheko Motube o buile seo mo potsolosong le BOPA bosheng.

A re fa e sale letsholo le simolola ba tsweletse ka go tshwara ba belaelwa ba ba ntseng ba tlhorontsha barui.

Rre Motube o tlhalositse fa ba setse ba tshwere babelaelwa mo bogodung jwa loruo ba le lekgolo le botlhano mo kgaolong ya ga Ngwaketse.

A re mo palong eo, ba ferabobedi ba setse ba atlholetswe kgolegelo ya dingwaga tse tlhano, fa ba le bararo ba dueletse go amogela molato.

Asst. Commissioner Motube o supile fa babelaelwa ba ka tshwara masome a mararo, ba santse ba le mo diatleng tsa mapodisi mo dikgolegelong ka go farologana, fa ditlhotlhmiso di santse di tsweletse.

A re maitemogelo a mapodisi ka dikgang tsa bogodu jwa loruo ke gore gantsi go utswiwa dikgomo tse di namagadi ka e di lebega di nonne.

Asst Commissioner Motube o supile fa ba tshwenyegile thata ka bogodu jwa marole, a supa fa le one go le motlhofo go a utswa ka bontsi bo sa tshwaiwa.

A re bogodu jwa mofuta o, bo remeletse thata mo dikgaolong tsa Kgomokasitwa, Gasita, Lefhoko, Maokane, Khakhea le Lerolwane. O boletse fa go na le digongwana tsa magodu, tse di  dirileng bogodu jwa leruo karolo ya botshelo jwa bone, e bile ba ipapanne go lwantsa ope yo kgatlhanong le bone.

Asst Commissioner Motube o supile fa magodu a a tshola dibetsa ka jalo a le borai, bogolo jang fa kgwebo ya bone ya go utswa e gomagomediwa ke go nyelediwa.

“Maitemogelo a rona ke gore, jaaka puso e ntshitse letsholo la sepodisi go lwantsha borukutlhi, le bone ba ntshitse letsholo kgatlhanong le seo,” a supa jalo.

Le fa go ntse jalo, o supile fa ba mapodisi ba ipaakantse go itepatepanya le magodu a.

Asst Commisioner Motube a re beke e e fitileng, ba tshwere borre ba le babedi kwa Molapowabojang mabapi le dipudi tse tharo tse go belaelwang e le tsa bogodu.

A re ba lomilwe tsebe ka borre bao, ba e leng wa dingwaga tse 26, yo o tlholegang mo Molapowabojang le wa dingwaga tse 37 yo o tlholegang kwa Tlhareseleele.

Rre Motube a re bobedi joo bo fitlhetswe bo tlhatlhetse dipudi tse go belaetsegang e le tsa bogodu, mme bo sa ntse bo le ka fa tlase ga tlhokomelo ya mapodisi, e bile ba tlaa ipega fa pele ga lekgotla la Setswana la ditsheko beke eno.

O tlhalositse fa banna bao ba amogetse molato wa go utswa, e bile ba supile fa maikaelelo a bone e ne e le go rekisetsa ba matlhabelo. Asst Commissioner o kopile barui go tlhokomela leruo la bone, go itse palo ya bone, gammogo le go tshuba le go tshwaya dikgomo tsa bone ka nako.

O kopile barui go tlhokomela badisa ba bone, le go ba etela kgapetsa kgapetsa gore ba seka ba nna le mowa wa go senya. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : KGOMOKASITWA

Event : POTSOLOTSO

Date : 12 Jul 2023