Kgosi Segotsi o laela morafe
12 Jul 2023
Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye yo o tlogelang tiro ka bogodi o lebogile morafe go bo o berekile le ene ka botswapelo
Fa a laela morafe kwa kgotleng ya Mahalapye ka Labobedi, Kgosi Segotsi o tlhalositse fa a simolotse go dira e le kgosi ya Mahalapye ka 2001.
O tlhalositse fa a na le dingwaga di le masome a mabedi le bobedi a ntse a eteletse motse oo pele mme a tla a neela kgwedi eno e fela.
A re o dumela fa a ne a eteletse sentle ka a ise a utlwe ka letsatsi lepe go na le go ipelaetsa ga morafe gore ga a tsamaise sengwe sentle.
O boletse fa a na le tumelo ya gore ba ba tla a salang ba eteletse morafe ba tla a tsamaisa ka manontlhotlho, ebile ba tla a tsholetsa fa a tlogetseng teng.
O tlhalositse fa a tla a bo a neela yo a ntseng a mo thusa e bong Kgosi Tshipe Tshipe yo gape e leng leloko la Ntlo ya Dikgosi.
Kgosi Segotsi a re puso ya lefatshe leno ke ya neelano mme go matshwanedi gore a dire jaaka ele tlwaelo.
Fa ba kgwa kgosi dikgaba, morafe o ne wa mo lebogela kgosi go bereka le bone sentle, ba tlhalosa fa ba ise ba bone sepe se se fatlhang fa ba ne ba le mo mosepeleng le ene.
Ba mo kaile e le motho yo o reetsang, a sa tseye letlhakore e bile gape a batla dilo di tsamaya ka tsela e e siameng.
Ba re Kgosi Segotsi o ne a dira ka bonatla, a isitse ditlhabololo tsa motse kwa pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onkarabile Moeng
Location : MAHALAPYE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 12 Jul 2023