Breaking News

Monna o thusa mapodisi ka ditlhotlhomiso

11 Jul 2023

Mapodisi a Good Hope a tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bosupa yo go belaelwang a beteletse mme mongwe kwa motseng wa Madingwane.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, motshwarelela mogolwane wa mapodisi a Good Hope, Assistant Superintendent Bigani Mpindi o boletse fa ka Matlhatso ba ne ba amogela pego ya gore mme mongwe o tseneletswe mo ntlong bosigo mme a betelelwa ke rre yoo yo o fitlhetseng a robetse. A re ba ne ba tsibogela pego eo mme ya re ka nako ya bone phakela ba kgona go tshwara rre yoo, yo ba mo fitlhetseng kwa lelwapeng lengwe gone kwa Madingwane.

Assistant Superintendent  Mpindi o kopile setshaba gore go hema ditiragalo tsa mofuta o, mme ba netefatse gore ope fela, segolo bogolo bomme le bana ba basetsana, ga ba sale ba le nosi.

O tlhalositse fa ba santse ba tshegeditse rre yoo go ba thusa ka ditlhotlhomiso di tsweletseng.

Mo go tse dingwe,Assistant Superintendent Mpindi o tlhalositse fa letsholo la KgomoKhumo le tsweletse sentle ebile ba setse ba tshwere babelaelwa ba le lesome le bobedi mme a le mongwe mo go bone e le mme. O boletse fa babelaelwa bao botlhe ba tlholega kwa Mmathethe, mme ebile Bontsi jwa bone ba setse ba kile ba tlola molao go le pele.

A re sebe sa phiri ke gore dikgang tsa bogodu jwa leruo di tsaya nako go fela mme go felela makgotla a ditsheko a ba letlelela go letela ditsheko ba le kwa ntle ga kgolegelo.

A re mo melatong eo yotlhe, ba kgonne go bona dikgomo di le lesome le borobabongwe mo babelaelweng.

O ne a kopa barui go leka ka bojotlhe go tlhokomela leruo la bone ka jaana go lebega magodu a boloditse letsholo la go le ba amoga. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : GOOD HOPE

Event : POTSOLOTSO

Date : 11 Jul 2023