Breaking News

Barutabana ba abetswe dietsele kwa Tutume

11 Jul 2023

Barutabana ba kgaolo ya Tutume ba kopilwe go itepatepanya le methale e mesha go tokafatsa maduo a thuto.

Mogolwane kwa lephateng la Thuto, Rre Otukile Kedikilwe o buile se kwa moletlong wa kabo dietsele o o neng o tshwerwe go lemoga barutabana ba ba dirileng ka natla mo maduong a ditlhatlhobo tsa ngogola kwa Tutume, ka Matlhatso.

A re go botlhokwa go lemoga le go rotloetsa bao ba nang le seabe mo go tokafatseng maduo ka se, se ba tiisa moko.

O tsweletse a re ga gona fa go senang dikgwetlho teng mo tirong mme a re seo ga se reye gore ba tlaa nnela foo ruri, ka jalo a ba gwetlha go leka ka bojotlhe le go nna pelotelele go di fenya.

O ne a gwetlha barutabana ba dikole go abelana maele kana botsipa le bangwe ka bone gore le bone ba kgone go ntsha maduo.

Sebui sa tlotla kwa moletlong oo,mogolwane kwa Botash,Rre Kangangwane Phatshwane a re lephata la thuto le aperwe ke dikgwetlho tse dintsi lefatshe ka bophara.

Rre Phatshwane a re ele ba BOTASH ba leka ka bojotlhe go rotloetsa thuto ka go ema dikole nokeng go tokafatsa maduo.

A re tshwaragano le tirisanyo mmogo ya batsadi le barutabana e ka tsisa maduo a mantle mo dithutong.

O tlhalositse fa thuto e le selo sa botlhokwa mo matshelong a batho le mo go tlhabololeng itsholelo ya lefatshe.

Mogolwane mo ofising ya thuto kwa Tutume,Rre Shadreck Moffat a re maduo a ditlhatlhobo mo dikoleng tse di mo kgaolong ya Tutume a wetse tlase thata mo dingwageng tse tharo tse di fetileng.

Rre Moffat are le fa go ntse jalo,go na le tse dingwe tse di santseng di tsweletse ka go dira sentle.

O supile fa maikaelelo a moletlo wa go nna jaana e le go go fa barutabana thoetloetso ya go gaisana le go ba akgola gore ba tiye monko mo tirong ya bone.

E ne e rile pele,fa a ba ema ka lefoko,kgosi Shadreck Mphala-Mengwe wa Maitengwe a re barutabana ke batho ba ba botlhokwa thata mo setshabeng ka jalo ba tshwanetse go fiwa tlotla.

Kgosi o boletse fa ba ba kgoneng go tsaya dietsele ba kgonne seo ka tshwaragano le tirisanhyo mmogo ya boeteledipele jwa sekole le barutabana ba bangwe.

A re botho le maitseo ke tsone tse di agang motho mme seo se mo thuse gore a kgone go ntsha maduo.

Barutabana ba ne ba abelwa ditlankana fa sekole se se gaisetseng se ne sa abelwa sejana se se amoganwang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Moletlo wa kabo dietsele

Date : 11 Jul 2023