Barui ba dihutshane ba kopilwe go thusa
11 Jul 2023
Modiri kwa lephateng la matlhoko a leruo, Rre Kabelo Sepelete a re lephata le lebanwe ke kgwetlho e tona ya tlhaelo ya dihutshane go abela baikopedi ba lenaneo la LIMID.
A re tlhaelo ya dipodi segolo jang mo Tutume e ba itsa go abela baikopedi dihutshane. Rre Sepelete o buile jalo fa lephata le ne le abela baikopedi bangwe dipodi kwa Tutume,ka Mosupologo.
A re maikaelelo ke gore bao ba ba thusitsweng ba tle ba thuse ba bangwe.
A re lengwe la mabaka a tlhaelo ya dihutshane ke gore bontsi jwa dipodi bo santse bo dusa ka jalo barui ba sa kgone go rekisa.
Mabaka a mangwe go ya ka modiri yoo ke gore barui bangwe ba ne ba tlhaba tse dingwe ba re ba thaa masaka fa bangwe bone ba ne ba rekisa. Ka jalo Rre Sepelete o ne a tlhagisa baikopedi fa dipodi tseo e le dithoto tsa puso ka jalo ba tshwanetse go di tlhokomela gore di ate gore kwa phelelong ba kgone go roba sengwe mo go tsone.
O ne a kopa bao ba ba sa ipaakanyetsang dipodi tseo,go ema pele ka mogopolo wa go tsenelela lenaneo leo. Mongwe wa baamogedi ba dipodi tseo,Mme Keneetswe Mbokwana o supile fa a itumetse thata. A re morago ga go leta dingwaga tse tlhano o bone thuso.
O solofeditse fa a tla tlhokomela dipodi tseo fela thata gore ditsale a tle a kgone go thusa ba bangwe ka go na le tlhaelo ya dihutshane mo motseng.
Mme Florence Golowe yo o dingwaga tse di masome a mane le bosupa,ene o ne a tletse ka boitumelo le monyenyo a bolela fa mphechane o tla kgaoga a le fa morago ga dipodi tseo go bona gore di bona phulo,metsi le go tlhokomelwa mo malwetseng a ka tlhagogang.
Mme Itumeleng Pelaelo yo eleng monana wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi,a re sale a ikopetse dipodi tseo ka ngwaga wa 2015.
O ne a leboga go bo le ene a kgonne go fiwa dipodi. ka jalo o ne a kopa banana go nna pelotelele mo botshelong ka puso e nna e diragatsa ditsholofetso tsa yone le fa go ka tsaya nako e telele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 11 Jul 2023