Lefelo le le itebagantseng le bana le butswe kwa Palapye
10 Jul 2023
Mothusa Mogolwane wa sepodisi kwa lephateng le le tlhotlhomisang borukutlhi, Rre Busang Lesola a re bana ba tshabelelwa ke go nna batswa-setlhabelo mo dikgannyeng tsa borukutlhi.
A re go ya ka dipalo tse di gatisitsweng ke ba sepodisi bana ba nna batswa-setlhabelo mo melatong e tshwana le ya go phorwaphorwa, dikiteo, go ikgatholosiwa, go sa tshwarweng sentle, go gobatswa, go bolawa le melato e mengwe.
Rre lesola o ne a bua se kwa tirong ya go bula lefelo le le itebagantseng le go thusa bana mo Palapye.
Lefelo leo la bana ke la bosupa go bulwa go tlatsa a a tshwanang le lone kwa Gaborone, Francistown, Shakawe, Letlhakane, Lobatse le Ghanzi.
Go bulwa ga mafelo ao go kgonafetse ka tshwaragano ya ba sepodisi le ba mafatshe a Britain, Japan le lekgotla la UNICEF.
Rre Lesola a re maikaelelo a ba sepodisi ke go nna le mafelo a go nna jaana mo diofising tsa sepodisi tsotlhe mo lefatsheng leno ka se se ka thusa go netefatsa gore dikgang tsotlhe tse di amang bana di a tlhotlhomisiwa ebile bana ba a gololesega fa ba ikuela ka dikgang tsa kgokgontsho kana kgang epe fela.
A re mafelo a a setseng a tlhomilwe a bana a setse a supa maduo ka setshaba se a dirisa thata go bega dikgang tsa kgokgontsho ya bana.
O supile fa molao wa bana wa 2009 o tlotlomatsa ntlha ya gore ditshwanelo tsa ngwana mongwe le mongwe di tshwanetse tsa sirelediwa ka jalo mafelo a a diretsweng bana a, a rurifatsa go tlamelwa ga bana ka tsela e e faphegileng le gone go ba aga e bile a tsamaelana le melawana e e beilweng lefatshe ka bophara mo go tlameleng le go sireletsa bana. Rre Lesola a re pego ya lekgotla la boditshabatshaba la ditshwanelo tsa bana ya 2004 (United Nations Convention on the Rights of the Child) e rotloetsa mafatshe go tlhoma mafelo a go thusiwang bana mo go one, go tsaya dikgato tse di maleba tsa molao, go sireletsa ngwana mo kgokgontshong nngwe le nngwe, go tlhoka tlhokomelo le melato ya thobalano.
A re mo godimo ga moo, e gatelela go simolodisiwa ga makalana a a faphegileng go fa bana le batlhokomedi ba bone dithuso tse di maleba go itsa kgokgontsho ya bana le go sa ba tlhokomeleng.
Rre Lesola o ne a supa fa sepodisi sa Botswana se ikemiseditse go dirafatsa maitlamo otlhe go sireletsa bana le go isa kwa pele ntwa kgatlhanong le dipolao mo baneng ka go baya tlhokomelo, tshireletso le kgolo ya bana mo motheong wa sepodisi.
O supile fa go dirisanya le ba-tsaya karolo ba tshwana le batsadi, bogosi, makalana a a diragatsang molao, le a mangwe go ka thusa go lwantsha kgokgontsho ya bana le dikgwetlho tse dingwe mme go tlhoka go dira jalo go ka baya bokamoso jwa bana le jwa lefatshe mo diphatseng.
O ne a lebogela dithuso tsotlhe tse ba di filweng ke ba ba farologaneng ba ba neng ba ba ema nokeng go diragatsa maitlamo a bone.
Kgosi wa Palapye Kgosi Martha Lebang o ne a lebogela lefelo leo la bana a supa fa le tsile ka nako e e maleba ka borukutlhi bo setse bo ile kwa godimo mo Palapye e bile motse o gola fela thata.
A re fa motse o gola borukutlhi bo a oketsega le jone bo bo amang bana bo tshwana le go itseela dikobo ka dikgoka, go tlhakanela dikobo le bana ba dingwaga tse di kwa tlase le dipolaano ka jalo a re lefelo leo le tla a ba thusa ka borukutlhi jotlhe bo ba ama. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : PALAPYE
Event : POTSOLOTSO
Date : 10 Jul 2023