Breaking News

Bopelotelele mo kgwebong bo botlhokwa

10 Jul 2023

Mothusa Tona wa Peeletso, Papadi le Madirelo, Mme Beauty Manake o tlhaloseditse banana fa bokamoso jwa lefatshe leno bo le mo maruding a bone.

O buile seo kwa thuto puisanyong ya banana ya dikgwebo kwa Zwenshambe ka Matlhatso.

Mme Manake o ba tlhaloseditse fa ba le lesego go bona sebaka se se ntseng jaana, a tlatsa ka gore e re ka jaana ba na le mananeo a le mmalwa go ka nna molemo fa ba ka a boloka ka mokwalo.

Mothusa tona o solofeditse gore e tlaare mo nakong e e sa fediseng pelo lephata la gagwe le rulaganye dithuto tsa go nna jaana tsa malatsi a ka nna matlhano, mme a ba kopa go rotloetsa banana ba bangwe go di tsena.

Fa a ntsha la gagwe, Mopalamente wa Tati Bophirima Rre Simon Moabi o kgothaditse banana go tswa ka megopolo ya dikgwebo tse ba ka di dirang go tlhabolola motshelo a bone.

Rre Moabi a re puso e dule ka megopolo e e labaneng batho ka go farologana jaaka banana le bagodi.

Mme o tlhalositse fa go lebega batho ba dingwaga tse di masome a mararo le borataro go ya go tse di masome a marataro ba sena mananeo ape a dithuso tsa madi, mme se se ba baya ka fa mosing go ka akola mananeo a puso.

A re go tshwanetse ga nna le bokopano le batho ba dingwaga tse di fa gare go bona gore tsela pedi go ka tsewa efe.

O tlhalositse gore mogopolo o oka rekisediwa puso gore e o sekaseke go ka akanyetsa batho ba dingwaga tse gore le bone ba direlwe lenaneo lengwe go ba thusa.

“Le seka la inyatsa mme le dumele mo go lona gape le seka la itebela kwa tlase,” ga rialo Rre Moabi a tlatsa ka gore mo botshelong ba seka ba eletsa dilo tse di diragalang ka bofefo mme ba nne pelotelele.

Fa a fa sekai a re fa motho a le molemi, o simolola ka go agelela tshimo, o bo o epa disama, o bo o lema mme morago o lete dijalo tsa gago o bo o roba.

Mopalamente Moabi a re bopelotelele ga bo felele foo ka molemi a tshwanelwa ke go photha, go thuga, go apaya a bo a tshola a bo a ka ja.

O kopile banana go arogana dikitso le ba bangwe gore ba kgone go tswelela pele mo botshelong, gape o ne a ba kopa go ikgapha mo tirisong ya ditagi le go nwa bojalwa ka dika  ba senyetsa bokamoso.

A re banana ba ikgaphe mo ditirong tsa bogodu le borukutlhi ka ba ka felela ba ile kgolegelong.

“Ke le rotloetsa go bula dikgwebo mme le tlhame mebereko go thusa balekane ba lona,” ga bua Rre Moabi yo o supileng fa puso ka esi e ka seke e kgone.

Banana ba kgothaditswe go ikopanya le makalana a a ikemetseng ka nosi go kopa dithuso go simolola dikgwebo le go tlhama ditiro.

Fa amogela baeng, Kgosi Moses Mabutho wa Zwenshambe a re metlha e fetogile ga e sa tlhole e le ya bogologolo, e e neng e re fa o fetsa sekolo o bo o fitlhela tiro e go emetse.

Kgosi Mabutho o rotloeditse banana go ikemela ka dinao ba ipulele dikgoro tsa botshelo. A re banana bangwe ba sale ba aloga mme ba tshwere ditlankana ga di na mosola mo botshelong jwa bone ka go sena ditiro.

Mongwe wa banana, Rre Pontso Kgotla, o ne a tlhalosa fa ba na le bothata jwa go nna kgakala le ditlamelo le ditsela tse di seng mo seemong se se siameng.

Mme Kelebogile Modichaba o ne a re dilo tse di tlhokegang fa o adima madi a banana jaaka ditlhwatlhwa tsa dithoto tse o ikaelelang go di reka, lenaneo la kgwebo di a tura mme e bile di bonwa kwa Francistown.

Bangwe ba ne ba re ba na le keletso ya go simolola dikgwebo mme mathata ke letlhoko la ditsha le madi a go simolola.

Banana ba ne ba rotloetsa bangwe ka bone gore ba seka ba ineela mme ba tswelele ba ikopela madi a banana go fitlhelela dikopo tsa bone di atlega. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Goweditswe Kome

Location : ZWENSHAMBE

Event : Thuto puisanyong

Date : 10 Jul 2023