Breaking News

Badiri ba lephata la banana ba fa bagodi sefitlholo

09 Jul 2023

E ne e le boitumelo  megolokwane le monyenyo jaaka bagodi ba motse wa Tutume ba fiwa sefitlholo se ba se diretsweng ke badirela puso ba kgaolo eo.

Bagodi bao ba ba neng ba ile go amogela madi a bone a bogodi kwa posong ya Tutume ka Labotlhano, ba fitlhetse ba tlhatleetswe mogodungwane le mapakiwa ke badiri ba lephata la Banana, bong, metshameko le ngwao.

Modiri wa lephate leo, Rre Joseph Goememang a re ba lemogile fa bagodi ba kuboga makuku ba ya posong ka malatsi a dikamogelo tsa bone.

Rre Goememang a re mo go kubugeng moo ga bone, ba lemogile fa bangwe ba phakelela go tshwara mola mme ba tsogile ba sa tshwara logaba.

A re ka go lemoga seo, ba ne ba bona go tshwanela go ntsha madi mo dikgwatlheng tsa bone go direla bagodi bao sefitlholo go re ba kgone go koba serame ka ebile e le nako ya mariga.

O boletse go re ka tshwaragano ya bone e le badiri, mo thulaganyong ya bone ya go otlolola lebogo ba ne ba bona gore ba dire sengwe se se tlaa itumedisang batho ba tikologo e ba direlang mo go yone.

Rre Goememang a re ga se lantlha ba nna le seabe mo go thuseng mo motseng.

A re  ka bakile ba sela matlakala mo motseng. Mongwe wa bagodi Rre Israel Matsapa o ne a leboga go menagane maiteko a badiri bao. Rre Matsapa a re fa e sale a amogela madi a bagodi ke lantlha a bona thuso e ntseng jalo, a re se se dirilweng ke badiri bao se supa fa ba na le lorato le tlotlo mo bagoding.

O ne a ba eleletsa go atlega mo botshelong le go goroga kwa dingwageng tsa bone ba ntse ba tshwere ka mowa o le mongwe wa lorato.

Mookamela poso ya Tutume, Mme Mooki Otsetswe o ne a leboga badiri bao go supa mowa wa setho.

A re  ba poso ba lesego thata go lemogiwa mo gareng ga maphateng le makalana a teng mo motseng oo, mme ba direla bagodi sengwe se se tla nnang mo dipelong tsa bone ka ba tla nna ba akantse letsatsi leo.

Mme Otsetswe a re go direla mogodi ke tlotla e tona thata, ka bone ga ba itse go galala mpho, e bile mogolo o nna a go akantse fela ka se o se mo diretseng, mme seo se tlaa tlisa masego le matlhogonolo mo go bone ba le badiri.

Mokhanselara wa Tutume bokone, Rre Dema Thani o ne a galaletsa badiri bao, a re ga go motlhofo go re batho ba  ntshe madi mo dikgwatlheng tsa bone, mme bone ba ne ba bona go tshwanela go dira jalo, ka jalo a ba akgolela tiro eo.

Mokhanselara Thani o ne a ba kopa go tswelela ka mowa oo, ka go thusa setshaba fa ba kgonang teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Moletlo wa dijo

Date : 09 Jul 2023