Mokhanselera o abela ditlhopha tsa kgwele ya dinao
09 Jul 2023
Mokhanselara wa kgaolwana ya Serorome Bophirima mo Palapye Rre Thabo Seomile o abetse ditlhopha tsa kgwele ya dinao madi morago ga gore di tsee karolo mo dikgaisanyong tsa motshameko wa kgwele ya dinao ele ka maiteko a go tlhabolola matshelo a banni.
O abetse ditlhopha tse ka kwa Palapye morago ga dikgaisano tsa mantshano tse di neng di bitswa Serorome West Football Tournament 2023 tse di neng di tshwerwe bosheng.
Ditlhopha tse di neng di tsaya karolo, di ne di le boferabobedi mme setlhopha sa Green Arrows sa tsaya maemo a ntlha, sa abelwa P3 500. Serowe Sporting se ne sa tsaya maemo a bobedi mme sa fiwa P2 000 fa sa Delux FC sa tsaya maemo a boraro mme sa bona P1 500. Sa Real Sporting FC se ne sa fiwa P1 200 morago ga go ikgapela maemo a bone.
Ditlhopha tse dingwe di akaretsa sa Happy Boys FC, Majakathata FC, Serorome FC le Serorome Galaxy FC di ne tsa fiwa P400 nngwe le nngwe ya tsone e le a phimolo dikeledi.
Mo potsolosong morago ga go abela ditlhopha tseo dimpho ka thotloetso ya ba Mias Family Palapye, Maize Architect le ba Faith One Investment, Rre Seomile a re o bone go tshwanela gore e le moeteledipele a etelele pele kgang ya go thusa setshaba ka puso e ka seka ya kgona e le nosi.
Rre Seomile a re bontsi jwa nako banana ba a ikgobokanya ba bo ba itirela ditlhopha tsa kgwele ya dinao kana ditlhopha dingwe fela tse di ba femang mo go iteegeng tsebe. A re sebe sa phiri e nna go tlhoka thotloetso go tswelela ka maikaelelo a bone a go ikaga.
Rre Seomile are gantsi ditlhopha tsa kgwele ya dinao di tlhoka paka ya tsone ga mmogo le ditlhako tse ba tshamekang ka tsone le kgwele ya dinao e ba e dirisang fa ba ikatisa. O ne a supa fa ditlhopha tseo tsa kgwele ya dinao di le mosola ka di kgona go thusa ditlhopha tse ditona go bona batshameki motlhofo.
O supile fa lenaneo la go rotloetsa ditlhopha tsa kgwele ya dinao e se lone fela le a itebagantseng le lone mme a a tsweletse le mananeo a mangwe. Rre Seomile a re mo nakong eno o mo lenaneong la go phutha badiragatsi ba tse di farologaneng gore ba kgone go nna le dikgaisanyo tse di tla a felelang di ba thusa gore ba itsiwe ke setshaba kana ba felele ba gatisa tse ba nang le tsone gore ba kgone go itshetsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : PALAPYE
Event : Kabo dimpho
Date : 09 Jul 2023