Breaking News

Balemi ba kopiwa go tlhabolola temo

09 Jul 2023

Tona wa Temo Thuo Rre Fidelis Molao o kopile balemi go dira mokwalo oo supang tsotlhe tse ba di dirang  mo masimong a bone.

 Fa a bua kwa moletlong oo neng o tshwerwe ke ba Temo Boswa go ipelela thobo kwa Natale ka Matlhatso,  Rre Molao a re go baya mo mokwalong dilo dingwe jaaka go kwala selekanyo sa pula e eneleng fa tshimong, ditema tse di lemilweng le thobo e e ntshitsweng mo temeng nngwe le nngwe.

  A re se thusa puso le lephata la gagwe gore fa go ntse go sekwasekwa go phatlalatsa bodiredi le di dirisiwa go ka simololwa kae kana go bona ba ba dirang botoka mo tsa temo thuo.

 Tona Molao a re puso e dira ka bojotlhe go thusa balemi ka bodiredi eleng balemisi, a gatelela gore bodiredi joo bo ka nna mosola fa balemi ba ikemiseditse go go dira ka natla.

  “Go bothokwa go kwadisa thobo ya lona ka go thusa gore fa go lomaganngwa go kgaoganya dithuso le bodiredi,”Tona Molao a tlhalosa.

Rre Molao o kgothaditse balemi ba mokgatlho wa Temo Boswa mo kgaolong ya Tonota go tlhwafalela temo fa ba eletsa go go nna balemi ba tlhwatlhwa.

A re go botlhokwa gore balemi babo ba ikemiseditse go dira ka natla kwa masimong a bone go ntsha thobo e nametsang pele ga ba ka kopa puso go thusa ka bodiredi ga mmogo le di dirisiwa tsa temo.

Go le pele, modulasetilo wa mokgatho Rre Nchenje Mogapi o supile fa mono ngwaga ba sa kgona go ntsha thobo e ba neng ba e solofetse ka ntlha ya diji tsa dijalo.

 Rre Molao o ne a tlhalosa gore dinonyane di ne di le dintsi thata mo pakeng ya temo e bile go ne go se bonolo go di lwantsha. A re le fa balemisi ba ne ba leka bo jotlhe go thusa, di ne di setse di dirile tshenyo e ntsi.

A re mo pakeng e e latelang ya temo ba tla bo ba ipaakantse botoka a tlhalosa fa a laetse bodiredi jwa gagwe go baakanya tsotlhe tse ditlhokegang gore fa ba tshoganyediwa ke dinonyane ba bo ba le mo seemong se se siameng go di lwantsha.

O ne a ba kgothatsa go nna seopo sengwe ele mokgatlho gore ba kgone go bua ka lentswe le le lengwefela fa baya go batla bareki ba thobo ya bone.

A re fa ba tshwaragane go ka bathusa gape go tsaya di tshweetso tse di maleba gore ke e fe peo e e bogadi bo gaufi e ba ka e lemang go ba direla di poelo.

Fa a tswa la gagwe Kgosi Shepherd Pelaelo wa Natale o kopile tona go seka seka go ba fa molemisi le mokenti wa bone ka ba thusiwa ke ba ba direlang kwa motseng wa Shashemooke.

Kgosi a re se se ba baya ka fa mosing ka gore gangwe le gape fa ba batla thuso ba fitlhela go sena koloi go tlisa molemisi kgotsa mokenti mme ba thoka thuso ya potlako. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ka Goitsemodimo Williams-Madzonga

Location : NATALE

Event : moletlo wa Temo Boswa

Date : 09 Jul 2023