Kgang ke go tshuba khansele
06 Jul 2023
Lone Motswetla, 20, wa kgotla ya Sebabi kwa Serowe, yo o sekelang go tlhosetsa kago ya bokopanelo jwa makhanselara mo motseng oo, o ne a itshupa fa pele ga lekgotla la ga mmakasetarata ka Laboraro Phukwi a tlhola ga rataro.
Motswetla go belaelwa a tshubile kago eo makhanselara a le mo teng a tsweletse ka dipuisano.
Go bolelwa fa ka nako eo, makhanselara le badirelapuso ba ne ba ragogela kwa ntle morago ga go tsibosiwa ke lonaka lwa tsiboso le ba lephata la ditima molelo fa molelo o oja marulelo a dikago.
Go ne ga asha ditilo di le nne le bontlha bongwe jwa marulelo mme ga go ope yo o boneng dikgobalo.
Dithoto tse di jelweng ke molelo le tsone ga go ise go itsege gore di lopile bokae.
Mo potsolotsong mogolwane wa mapodisi a Serowe, Superintendent Poloko Oteng o boletse fa mosekisiwa a ne a tshwarwa ke mapodisi a Selebi Phikwe, mme ba mo neela ba Serowe ba ba neng ba ntse ba le mo letsomong la gagwe morago ga tiragalo.
Supt Oteng o boletse fa mosekisiwa e rile mo bekeng e e fetileng khansele ya Serowe e tsene, a tsena ka bokukuntshwane mo khanseleng fa go nnang morafe teng, a tshotse lebotlolo le tshetswe sengwe se go belaelwang e ne e le lookwane, mme a se tshela mo ditilong le mo bodilong, a bo a tlogela lobotlolo leo la dilithara di le pedi kwa matlung a boitiketso, kwa batlhotlhomisi ba le fitlhetseng teng, a bo a tlhosetsa molelo.
Kgotla e ne ya laela monna yoo go itlama ka P500 gore a kgone go letela tsheko a le kwa ntle.
O tlhalositse fa a ne a le nosi fa a dira tiro eo, mme a kaya fa a sa amane le sepolotiki gope.
O tlaa itshupa gape fa pele ga kgotla Phalane e le lesome.
Ditlhotlhomiso di santse di tsweletse go bona gore maikaelelo a go tshuba dikago tsa khansele go ne go rotloediwa ke eng.
Lekgotla le laetse mosekisiwa go obamela melwana yotlhe ya go emela tsheko a le kwa ntle, jaaka go tla fa pele ga kgotla ya ditsheko fa a batlwa.
O ne a laelwa gape gore a seka a amana gope le basupi, a seka a dira molato ope. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 06 Jul 2023