Mahulantsweng a ipelela ngwao
06 Jul 2023
Maloko a mokgatlho wa Mahulantsweng a ne a ipega semmuso ka go ipelela ngwao.
Ba ne ba tshwaragane le mekgatlho ka go farologana e le tsela ya go tsosolosa ngwao, kwa Shoshong bosheng.
Kgosi Agastine Monamodi o ne a akgola Mahulantsweng, ka jalo a kopa gore letsatsi le le tlotlwe ka ngwao e le motheo wa motho.
Kgosi Monamodi o tlhalositse fa ngwao e le botlhokwa, a re fa e ka dirisiwa go ka nna le kutlo mo baneng ka gore go tlaa nna le tlotlo.
O lebogetse letsatsi le ka le ribolola kitso e e ntseng e le teng mme batho ba e lebetse.
Kgosi o ne a gakolola morafe go ruta bana ngwao ka go e simolodisa kwa moding, a re go dira jalo go ka nna le seabe mo go fokotseng botlhokatsebe ga bana.
O tlhalositse fa ngwao e kopanya kgosi, morafe le Modimo, ka jalo a kopa gore ba tswelele ka go ipelela letsatsi la ngwao ngwaga le ngwaga gore e seka ya latlhega.
Moeteledipele wa mokgatlho Rre Tsogo Bonang a re maikaelelo a mokgatlho o, ke go tsosolosa, go ipelafatsa le go dibela ngwao ka gore ke yone motheo wa lefatshe.
Rre Bonang o boletse fa ba ithaopile go tlhama mokgatlho o ka ntlha ya lerato la ngwao le keletso ya go bona Batswana ba itse e bile ba tlhaloganya segabone.
A re mokgatlho wa bone o simolotse dingwaga tse pedi tse di fetileng mme a supa fa ba tlaa tswelela ka go ipelela letsatsi la ngwao ka le tlhomilwe semmuso.
A re letsatsi le, ba tlaa le ipelela ka go supa didirisiwa tsa Setswana, go tshameka metshameko ya ngwao le tsotlhe tse di ka tlotlomatsang ngwao. Mo kgothatsong, Kgosi Mokopakgomo Kgomokgwana wa Moiyabana o ne a re Batswana ba tlholegile ka go ijesa le go itirela.
A re go latlha ngwao ya go itirela dijo ka temo go dira gore batho ba ikaege ka puso fela botlhe, go bo go felela go sa lekane.
Kgosi Kgomokgwana o gakolotse gore go boelwe kwa ngwaong bana ba rutwe go itirela.
A re ke tshwanelo ya bone e le dikgosi go rotloetsa ngwao len tswa go le thata ka gore Batswana ba fetotse ka fa ba dirang dilo ka teng.
O kopile gore puso e ba eme nokeng mo go busetseng ngwao ka gore ga go ise go nne thari go boela kwa setsong.
Mopalamente wa Shoshong Rre Aubrey Lesaso o lebogetse ba Mahulantsweng go diragatsa letsatsi la go ribolola ngwao e le one motheo, ka e ruta setho.
A re puso e setse e dirile, mme Batswana ba tshwanetse ba tsena mo ngwaong go itirela le go itshetsa.
Mopalamente o supile fa lefatshe le le nang le ngwao le sa kgotlhelesege motlhofo, ka jalo a akgola ba Mahulantsweng go tshwarelela mafoko a Tautona wa pele Sir Seretse Khama a a reng ‘tshaba e e senang ngwao ke moka e suleng’.
Rre Lesaso o tlhalositse fa puso e ne e tshwenyegile ka boitsholo jwa Batswana ka go ne go supa fa maitseo le setho di latlhegile e bile go tlhoka tharabololo ka potlako.
A re boitsholo jo bo sa siamang bo koba babeeletsi ba ba ka thusang go tsisa ditlhabololo mo lefatsheng mme a supa fa ngwao e ka thusa gore botho bo boele.
Rre Lesaso o ne a lebogela ba mokgatlho wa Dingwetsi go nna le karolo mo go tsosoloseng ngwao, a re ba tlaa thusa go lere seriti sa manyalo ka gore ditlhalo di kwa godimo ka lebaka la kgokgontsho mo malwapeng.
O tlhalositse gore fa mekgatlho e e ka tshwaragana go busetsa ngwao, batho ba ka ikaga sesha go bo go nna le kagiso le thokgamo mo lefatsheng ka kakaretso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaone Fati
Location : SHOSHONG
Event : Ipelelo Ngwao
Date : 06 Jul 2023