Breaking News

Thapelo e ka faposa setshaba dihawa

06 Jul 2023

 Batswana ba gwetlhilwe gore ba tshephe Modimo gore o ba sireletse mo masuleng a go lebegang a setse a ipha maatla mo matshelong a batho.

Go tiya mo thapelong le go diragatsa se ba se lopiwang mo bukeng e e boitshepo, go lejwa e le sengwe se se botlhokwa go ka thusa batho go dibela matshelo a bone.

Se se builwe ke dibui ka go farologana kwa tirelong e e neng e rulagantswe ke mapodise a Masunga bosheng, e maikaelelo a yone e neng e le go rapela kgatlhanong le dikotsi tsa tsela le kgokgontsho ya bong.

Tirelo eo e ne e tsenwe ke mapodisi, baruti ba dikereke tse di mo Masunga mmogo le magosi le morafe.

Dibui di boletse fa masula mangwe a a diragalang a bakwa ke go bo batho ba ikgatholosa ditaelo tsa Modimo, tse di mo Baebeleng.

Modulasetilo wa komiti ya baruti mo Masunga, Moruti Michael Setlhabetsi wa The Servants of Christ Apostol Church, a re nako e gorogile ya gore setshaba se itharabologelwe se tshegetse ditaelo le melawana ya Baebele gore mautlwelobotlhoko a Modimo a bonale.

A re go eteletsa lorato kwa pele e tshwanetse ya nna konokono mo botshelong jwa motho, a supa e le sengwe se se ka thusang batho go nna le letswalo la go inaakanya le kgokgontsho.

Moruti Setlhabetsi a re ga a dumele fa go na le motho yo o ka bolayang yo mongwe a mo rata.

Moruti Ntebogang Kesebonye wa Apostolic Faith Mission le ene o ne a iteela kobo moroko ka go gakolola batho go tlogela ditsela tsa bone tsa boikepo gore Modimo a arabe dilelo tsa bone.

Moruti Kesebonye a re go botlhokwa gore ba rapele ka tlhoafalo le go fetogela maitsholo a bone, go sa nneng jalo mmaba satane o tlaa tswelela a iterela go rata le go kgona mo matshelong a batho.

Fa a tswa gagwe, mookamela mapodisi a Masunga, Superintendent Raymond Gabothule o ne a supa fa ba tshwenyegile ka dikotsi tsa ditsela le kgokgontsho ya bong.

O tlhalositse fa ba rulagantse merapelo eo go lopa Modimo go sireletsa lefatshe leno le setshaba sa lone.

Fa a itebaganya le dikotsi tsa tsela, Supt Gabothule o boletse fa dipatlisiso di supa fa bontsi jwa tsone di bakwa ke go tlhoka go kgweetsa sentle, go kgweetsa ka lobelo lo lo kwa godimo le go nwa bojalwa motho a kgweetsa.

A re leruo le le sailang mo ditseleng le lone le na le seabe mo go bakeng dikotsi tsa tsela, ka jalo a kopa bakgweetsi go kgweetsa ka kelotlhoko ka dinako tsotlhe.

O ne a supa fa kgaolo ya bone ya sepodisi e kwadisitse dikotsi tsa tsela di le lesome le borataro go tswa ka Moranang go fitlha ka Seetebosigo monongwaga, a re le ntswa dikotsi tseo di sa gapa matshelo a batho, fela dipalo tseo di a tshwenya.

Mabapi le kgokgontsho, Supt. Gabothule o ne a supa fa ba tlhobaediwa ke go tlhoka go bega ditiragalo dingwe tsa kgokgontsho mo malwapeng, fa dingwe di begwa morago ga nako.

O ne a rotloetsa gore ditiragalo tsa go nna jalo di begwe ka nako, ka seo se ka thusa go di tlhabantsha, a tlatsa ka go itsese batsena tirelo eo fa ba na le ofisi e e fapheging kwa kampeng, e e itebagantseng le dikgang tsa bana.

O ne a tswelela a kgala batsadi segolo jang banana, ba ba nang le mokgwa wa go itlhokomolosa tlhokomela ya bana, mo ba felelang ba tlogelela bonkukuabone mokgweleo otlhe wa go tlhokomela bana.

Mo mafokong a gagwe a kamogelo, mothusa kgosi ya Masunga, Kgosi Thabo Monaga o ne a gwetlha bapalami ba dikoloi go nna ba kgalemela bakgweetsi fa ba kgweetsa ka bofafalele.

A re go le gantsi bapalami ba retelelwa ke go ntsha lentswe le fa ba lemoga gore matshelo a bone a mo diphatsheng.

Go sale foo, Kgosi Monaga o ne a gakolola batho go nna ba lekodisa ba ba maleba fa go na le sengwe se se ba tshwentseng, go na le go tsaya ditshwetso ka mahega.

 O ne a gwetlha batsadi go tlogela mokgwa wa gore e re ba kgopisegile, ba bo ba ntshetsa sekgopi seo mo baneng ka go ba kgoba ka mafoko, a re seo ga se a siama mo kgodisong ya bana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : phuthego

Date : 06 Jul 2023