Batlhophi ba kgothaditswe
06 Jul 2023
Batlhophi ba kgaolo ya Nkange ba kopilwe go tlhopha Botswana Congress Party (BCP).
Modulasetilo wa komiti ya phathi eo, Rre Million Masumbika o kopile jalo ka letsatsi la go ipelela phenyo ga mokhanselara wa Tutume Bokone, Rre Moyonchena Nkhori kwa Tutume bosheng.
Rre Masumbika yo e leng mokhanselara wa Maitengwe Bokone, o boletse fa BCP e na le mananeo a a tsepameng, e sala molao-motheo morago, e bile e ikaegile ka puso ya batho ka batho.
O ne a tsibosa batlhophi ba kgaolo eo gore ba seka ba itewa tsebe ke dikgang tsa tse ba di utlwang mo ditseleng.
A re e re ntswa mo ditlhophng tse di fetileng, ba gapile kgaolo eo ba le ka fa tlase ga sekhukhu, morago ga dingwaga di feta masome matlhano, dipalo tse dintsi tsa batlhophi e ne e le tsa BCP.
O boletse fa ka ditlhopho tsa 2014, BCP e ne e tlhophilwe ke batlhophi ba le 5 874, Botswana Democratic Party yone ke ba le 6 461 fa Umbrella for Democratic Change (UDC) e bone 358.
A re seo se ba fa tsholofelo ya gore le ntswa ba dule mo bokopanong jwa diphathi jwa UDC, ba santse ba na le tshiamelo ya go busetsa kgaolo eo gape kwa go bone.
Dibui ka go farologana di ne tsa bolela fa Batswana ba tshelela mo lehumeng la nta e tshetlha, banana ba gobeya le mebila ka letlhoko la ditiro.
Mongwe wa dibui, Rre Vain Mamela o ne a leboga batlhophi ba kgaolo eo go bo ba ne ba tlhopha phathi ya kganetso morago ga lobako lo loleele.
Rre Mamela a re BCP dikeletso tsa yone ke go tlhabololola Motswana le go sala morago molao-motheo.
O ne a ganetsa magatwe a gore BCP e dirisitswe ke e e busang go tswa mo ditumalanong kana tirisanyo le ba UDC.
A re bone ba lemogile fa mokgatlho oo o sena tswelelopele le molao motheo tota.
A re ga gona gope fa ba nang le botsalano le BDP teng, e bile ga ba kake ba nna le jone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : ipelelo phenyo
Date : 06 Jul 2023