Banni ba gana nyalo ya bong
06 Jul 2023
Banni ba Thamaga ba re ga ba dumelane le kgang ya gore batho ba bong bo le bongwe ba ka nyalana, ba re seo se tsuolola ngwao ya Setswana le molao wa Modimo.
Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi, e e neng e buisiwa ke Mopalamente Palelo Motaosane.
Banni ba re ba kgatlhanong le kgang ya go nyalana le gone go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang.
E rile go le pele, Rre Motaosane a bolelela banni fa puso e ya go baakanya tshetlana ya bo 164 ya molao-motheo gore batho ba bong jo bo tshwanang ba ka nyalana.
A re ntswa seo e le molao kakanyetso o ba yang go buisana ka one kwa palamementeng e e simolotseng ka Labobedi, puso e setse e latlhegetswe ke kgang eo morago ga gore lekgotla la ditsheko le ntshe taelo ya gore go seka ga tsoulolwa ditshwanelo tsa baratani ba bong bo le bongwe, mme e bile go baakanngwe ditsetlana dingwe tsa Penal Code.
Mopalamente Motaosane o ne a supa fa puso e ne ya ikuela ka kgang eo mme ya latlhegelwa, mme seo se raya gore molao o tshwanetse wa baakanngwa go fa baratani ba bong bo le bongwe sebaka sa go ka nyalana fa ba eletsa go dira jalo.
A re le fa go ntse jalo, o dumela gore Batswana ba tshwanetse ba fiwa sebaka sa patlo maikutlo ka kgang eo gore e tle e bone tharabololo e e lolameng.
E rile ba mo kgwa dikgaba, banni ba supa fa ba sa beye kgang eo sebete, mme e bile seo se ya go senya ledula le thokgamo mo Botswana.
Ba re Botswana o itsiwe e le lefatshe la Sekeresete, mme nyalano ya batho ba bong bo le bongwe e kgatlhanong le thato ya Modimo le setshaba sa gagwe.
Rre Moemedi Moswete le Mme Tuduetso Kedisang ba re Modimo o bopile monna le mosadi go ka nyalana.
Ba re ba bona patlo maikutlo e le botlhokwa go utlwa gore Batswana ba reng ka kgang eo le ntswa ba tlhaloganya se makgotla a ditsheko a setseng a se laotse.
Rre Keagile Keitsile a re lefoko la Modimo le kgathanong le thatano kana nyalano ya bong bo le bongwe jaaka dikwalo tsa Bakorinta wa ntlha 6:9 le Diane 29:15-18 di supa gore Modimo o kgatlhanong le dikgang tseo.
Rre Gaontebale Kalayakgosi a re se batho bao ba se dirang ga se letlelesege ka Setswana, e bile ke botlhodi.
O ne a tlatsa ka go re go dira jalo go ya go nyeletsa losika.
Mafoko a gagwe a ne a iteelwa kobo moroko ke Rre Dintwe Moring, yo o neng a supa fa Modimo a dirile monna le mosadi gore go nne le ntsifatso ya losika. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : THAMAGA
Event : phuthego ya kgotla
Date : 06 Jul 2023