Breaking News

Batsadi ba kopilwe go kgalema maitsholo a a makgasa

05 Jul 2023

Mopalamente wa Thamaga/Kumakwane Rre Palelo Motaosane o kopile batsadi ba motse wa Thamaga go kgalema bana ba ba dirang maitsholo a a sa kgathiseng. Mopalamente o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo ka Labobedi a gatelela botlhokwa jwa gore batsadi ba tseye boikarabelo jwa go tsenya bana mo tseleng.

Rre Motaosane o ne a supa fa go se ope yo o ka tlang go baakanya maitsholo a bana ba motse oo ntle le batsadi ba ba nnang le bone e bile ba itse gore ke bomang.

A re maitsholo a a sa itumediseng ga a tshwanela go nna o kare aa bokiwa, jaaka batsadi ba bua ka fa bana ba bone ba ba paletseng ka teng. “Go sa kgalemeleng ngwana, ga go thuse sepe ntle le go rotloetsa maitsholo a a sa amogeleseng mo setshabeng.”

Mopalamente o kgadile batsadi ba ba ikgatholositseng tlhokomelo ya bana segolo bogolo ba ba tsenang sekole, a supa fa bana ka bontsi ba tshegeditswe ke barutabana ntswa batsadi ba le teng.

A re kgodiso ya ngwana ke boikarabelo jwa motsadi e bile o tshwanetse a godisa ngwana ka tsela e e tla nnang sekao mo setshabeng. 

O boleletse morafe fa ba na le boikarabelo jwa go tsenya ngwana mo tseleng ka thupa fa a tswa mo tseleng, mme o betswa sentle ka kelelo e le tsela ya go otlhaya e seng go mo gobatsa. Mo go tse dingwe, mopalamente, o ne a leboga ba lekgotla la kabo ditsha go baya morafe ditsha ka maikaelelo a go ba fa bonno.

Le fa go ntse jalo, a re o tshwenngwa ke batho bangwe ba ba ipayang ditsha go se ka fa molaong fa bangwe ba dirisana le babereki ba kabo ditsha go dira jalo, a re seo ga se tsamaiso.

E rile a araba selelo sa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Mme Kaboyaone Senegelo yo o neng a supa fa kgaogo ya motlakase e ba tshwentse fela thata, Rre Motaosane a supa fa bogodu jwa megala ya kopore bo ile magoletsa mme e le jone ba bakang kgaogo eo. O ne a kopa morafe go bereka le mapodisi go bega dikgang tsa bogodu jwa kopore ka e le yone e tsamaisang motlakase mme fa e utswiwa e baka kgoreletsego ya go isa motlakase kwa morafeng.

Morafe o ne wa itumelela pego ya mopalamente ya gore tsela ya Thamaga-Kubung e tlaa dirwa ka lenaneo la nakwana la ditlhabololo. Mongwe wa banni, Rre Dintwe Moring a re batsadi ba tshwanetse go tlhokomela bana ka e le boikarabelo jwa bone.

Rre Keagile Keitsile a re thupa le kgalemelo di naya motho botlhale ka jalo bana ba tshwanetse ba tsenngwa mo tseleng ka e le bone baeteledipele bakamoso. BOKHUTLO

 

 

 

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : THAMAGA

Event : phuthegong ya kgotla

Date : 05 Jul 2023