Ba utswa bosigo le motshegare
05 Jul 2023
Kgosi Moses Mabutho wa Zwenshambe o lela ka borukutlhi le bogodu jo bo ileng magoletsa mo mo metseng mengwe e bapileng le molelwane wa Zimbabwe.
A re metse ee gaufi le terata ya molelwane wa Zimbabwe e amilwe ke borukutlhi le bogodu jo bo dirwang bosigo le motswegare.
Fa a bua mo potsolosong, Kgosi Mabutho o tlhalositse gore go utsiwa dikoloi, selo se se neng se sa tlwaelesega pele mo kgaolong eo. A re bogodu bo simolotse go gola ngogola bogolo jang kwa Zwenshambe, Mbalambi, Moroka le Mapoka.
Kgosi Mabutho a re magodu a dikoloi a tla a ipapanne ka didirisiwa tse di bogale tse ba didirisang go kgaola dichaene tse di lotlelang dikgoro, mme ba dirise botsipa jwa bone go lotlolola koloi.
A re mo lwapeng lengwe, go ne ga fitlhelwa go latlhetswe nama e e kgabetleletsweng (mincemeat), mme ntswa ya lolwapa loo ya gana go ja nama eo, mme e rile maphakela fa dikoko di tsoga tsa aja nama eo mme ga swa di le lesome le bongwe.
Mo kgannyeng e nngwe, setlhopha se se ipopileng go tsoma magodu kwa Zwenshambe, se ne sa sala motlhala wa setlhako sa mmelaelwa, mme sa ya go ba gorosa kwa lwapeng lengwe, kwa go fitlhetsweng makawana a le mabedi, ba ba neng ba inaya naga fa a le mongwe a ne a tshwarwa mme a neelwa mapodisi.
“Fa mapodisi a phuruphutsha monna yoo, ba ne ba fitlhela dilotlolo tsa matlo, ditshipi tse di looditsweng, nama (sausage) e go belaelwang e na le botlhole e e dirisiwang go bolaya dintswa,” ga bua jalo Kgosi.
O tlhalositse gore mo kgannyeng e nngwe, koloi e ne ya utswiwa mme e rile beng ba yone ba utlwa e duma ba tlhaba mokgosi, mme legodu la inaya naga.
Kgosi Mabutho a re mongwe wa magodu o fitlhetswe ka peterolo ya dilithara tse tlhano, mme fa a botswa gore o isa kae, a tlhalosa fa a ya go e tshela mo koloing e a tlaa fitlhelang e sena peterolo ka a lemogile fa beng ba dikoloi ba di tlogela di sena leokewane go itsa go utswiwa. Mabapi le go thubiwa ga matlo, Kgosi a re mo bekeng e e fetileng, magodu a ne a leka go thuba lebentlele le le bapileng le sekole, mme moagisanyi a tlhaba mokgosi, fa selalome seo se ne sa inaya naga fa se bona dipone tsa koloi ya mapodisi.
E re le ntswa ditiragalo tsa bogodu di tsweletse, Kgosi Mabutho o akgola banni ba Zwenshambe go thusa mapodisi mo go lwantsheng borukutlhi joo. A tlatsa ka gore mapodisi ga ba ka ke ba kgona tiro ba le nosi, go lebeletswe bobotlana le letlhoko la didirisiwa jaaka dikoloi.
“Ke na le tumelo ya gore fa go ka tsamaya jalo, re ka fenya borukutlhi, batho ba kgona go tshela ka thokgamo,” ga rialo Kgosi.
A re setshaba se na le ditsela tse di se dirisang go lwantsha borukutlhi jaaka go ipopa ditlhopha le go ga sa molaetsa wa tlhaselo ya bogodu mo motseng. “Ga ba itsape, banna le basadi ba a goroga fa mokgosi o tlhabiwa, mme ba dire ditlhotlhomiso le go latedise motlhala mo tsatsing le le latlelang,” ga rialo Kgosi Mabutho.
O tlhalositse gore banni ba ba sa kgonang go ya pitsong, ba ntsha dimpho jaaka dijo, go apeela ba ba duleng letsholo, mme bana ba motse ba ba direlang kwa ntle ba thusitse ka gore reka diphala le ditoche.
Mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi o ne a gatelela gore bogodu bo gaketse mokgaolong ya gagwe, mo a feletseng a bitsa bokopano jwa bagogi le baeteledi pele ba metse e mo kgaolong go sekaseka gore go ka lwantshiwa seemo seo jang. O tlhalositse gore ditlhopha tsa ntebela ke go lebele di tshwanetse go tsosolosiwa go lwantsha bogodu.Rre Moabi a re bogodu jo go dumelwa bo dirwa ke baagisanyi go tswa kwa Zimbabwe, ba thusiwa ke beng gae, bogolo jang banana ba ba nang le kitso ya gore go diragalang mo motseng.
Mopalamente Moabi o rotloeditse tirisanyo mmogo ya morafe le mapodisi, ba lebeletse le gone gore dithoto tse ke tsa bone. Fa a ntsha la gagwe, Kgosi George Moroka wa Moroka e ne o tlhalositse gore go utsulwe dikgomo di le masome a supa (70) mo merakeng e e faroloranyeng, mme tse dingwe tsa tsone go utlwala di bonwe kwa Zimbabwe.
A re lefelo la borobalo le le gaufi le molelwane, le ne la tlhaselwa ke dilalome mme tsa lwantsha badisa dikago, ba keteka yo mongwe ka matlapa, ba utswa diaparo tsa bone, megala ya letheka le ditoche.
Kgosi Moroka a re go sa ntse go thubiwa matlo fa beng ba one ba seo, go utsuwe malao, ditsidifatsi, diaparo le di television, se se supa fa magodu ao a dirisa dikoloi.
Go leka go lwantsha bogodu, Kgosi o kopile morafe go kwadisa batswakwa le go supa dipasa tsa bone tsa mesepele le malatsi a ba a filweng gore ba itse baeng le beng gae. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : ZWENSHAMBE
Event : potsoloso
Date : 05 Jul 2023