Breaking News

Tshwaragano pinagare ya katlego

04 Jul 2023

Mokhanselara wa Francistown Legare, Mme Nametso Griesmier o kopile bomme go tshwaragana go nna seopo sengwe gore mantswe a bone a utlwale.

Mme Griesmier o ntshitse kopo eo kwa bokopanong jwa bomme ba kereke ya Head Mountain of God Apostolic Church in Zion kwa Tutume ka Matlhatso.

A re bomme ba tshwanetse go nna ngatana e le nngwe gore ba kgone go abelana megopolo le go bua ka dikgwetlho tse ba kopanang natso, mme ba tswe ka ditharabololo go na le gore bangwe ba bo ba goga ba le ntlha e nngwe.

Mokhanselara Griesmier a re bomme ba tswa kgakala ba eme ka dinao go godisa bana gammogo le go tlhabolola lefatshe, ka jalo a ba gwetlha gore ba seka ba lebala bana ba basimane mo mosepeleng wa kgodiso ya ngwana.

O ne a ba akgola a re tiro e ba e dirang e kgolo, e bile ke bone ba ba agileng lefatshe leno, ka jalo ba tshwanetse ba tswelela fela jalo ka mowa o le mongwe ka lorato le go itlotla gore batho ba kgone go ba fa tlotla eo.

Mme Griesmier o gwetlhile bomme go tshela se ba se rerang, a tlatsa ka go re batho le balatedi ba bone ba solofetse ditiro tse di ntle le tse di eletsegang mo go bone.

O ba kopile gore bokopano jwa bone bo nne e tema le maduo a go godisa kereke, bomme le ngwana wa mosetsana, go nna mme yo o eletsegang e bile a tlotlega mo setshabeng.

“Nnang pilara kwa kerekeng le kwa malwapeng a lona gore bana ba lona ba basetsana ba tsoge ba tsere malebela mo go lona,” ga rialo Mme Griesmier.

Mokgothatsi go tswa kwa Mosadi Letlotlo Society, Mme Nanzelela Chaitezvi o boletse fa bomme e le batho ba ba nang le talente le megopolo e mentle le tebelopele.

A re mmaba mogolo mo go bone ke poifo ya go supa bokgoni jwa bone.

Mme Chaitezvi o ne a gwetlha bomme go ema ka dinao go thusana mo diemong tse di thata  le go supa kutlwelobotlhoko le kemonokeng mo go ba bangwe.

A re thuto e santse e tlhaela mo go bomme, ka ba sa itse go emana nokeng, a supa fa ba sena tshepo mo go bomme ba bangwe, e bile ba kampa ba rotloetsa rre go na le go ema mme nokeng, selo se a se kgadileng.

E ne e rile pele, modulasetilo wa bomme ba kereke eo, Dr Florence Michael a bolela gore fa e sale kereke eo e tlhongwa ka 1939, e sa ntse e tshegeditse molao-motheo wa yone.

Dr Michael a re mo Botswana maloko a yone a feta dikete tse tlhano, palo e ntsi eo e dirwa ke ka fa ba tsamaisang dilo ka teng le go sala molao-motheo wa kereke le wa lefatshe morago.

O boletse fa kereke eo e tsentse letsogo go thusa puso ka go abela batho ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

Mokhanselara Griesmier o ne a abela kereke eo P2 000 go thusa go tsweledisa ditiro tsa yone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Bokopano jwa bomme

Date : 04 Jul 2023