Bomme ba kereke ya UCCSA ba akgolelwa bopelontle
04 Jul 2023
Bomme ba kereke ya UCCSA kwa Tutume ba akgoletswe mowa wa bopelotlhomogi ka go tsibogela letlhoko la banni ba dikgotlana tsa Nanana le Maenjane, selo se se tlaa ba fang tsholofelo.
Ka paka ya mariga e babalela segolobogolo ba ba senang lesego mo botshelong, bomme ba ne ba bona go tshwanela go ikanapa go thusa banni bao, go nolofatsa seemo se.
Fa a akgola bomme ba kwa moletlong wa kabo ya dimpho tseo, Moruti Kennake Bhebe, a re go a itumedisa gore bomme ba, ba ne ba seka ba ipona tsapa go thusa ka se ba ka se kgonang, ka ba ne ba phutha diaparo le ditlhako tsa bana le bagolo mo malokong a kereke go di aba.
A re ba lemogile fa go na le batho ba ba tlhokang mme ba sa kgone go bona dithuso ka puso e ka seke e kgone go thusa botlhe.
A re dimpho tse ga se selo se sennye, mme e bile di tlaa tsisa pharologanyo mo matshelong a ba ba abetsweng.
Dimpho tse di ne di akaretsa mesangwana ya basetsana e le masome a supa.
O tlhalositse fa keletso ya bone e le go bona ba dira pharologanyo mo matshelong a batho.
Moruti o ne a tlhalosa fa ba tswa kgakala ba aba ka ba ne ba abela baithuti ba sekole sa Tutme Central le sa Mpiti kwa Matobo ditllhako tsa sekole.
Fa a amogela bomme ba UCCSA, kgosi ya kgotlana ya Maenjani kwa kgotleng ya Selolwane, kgosi Otsile Ketshotseng o ne a lebogela bomme bao lerato le ba le supileng mo banning.
A re o lebogetse dimpho tseo go menagane bo a ba kgothatsa gore ba tswelele ka go dira tiro e ntle e ba e dirang mo morafeng ka kakaretso.
Kgosi Ketshotseng a re kereke ya Lontone e tlholegile e belega puso ka e nnile le seabe mo kagong ya dikole dingwe di tshwana le se sebotlana sa Selolwane kwa Tutume.
O ne a ikuela mo malokong a kereke eo go nna a ba akanya ka dinako tsotlhe ka kgotlana eo e aperwe ke dikgwetlho le letlhoko le le ntsi, mo e bileng bana bangwe ba sa tsene sekole sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Kabo ya dimpho
Date : 04 Jul 2023