Lotlaamoreng II o rotloetsa therisanyo ka maina
03 Jul 2023
Mothusa Tona mo Ofising ya ga Tautona, Rre Dumezweni Mthimkhulu a re puso e tsaya tsia mowa wa therisano fa e tsaya ditshwetso tse di amang setshaba.
Rre Mthimkhulu o buile se fa a buisa maloko a Ntlo Ya Dikgosi bosheng, morago ga gore Kgosi Lotlamoreng II a tsenye tshutiso e mo go yone a neng a kopa gore setshaba se rerisiwe ka botlalo mo dikganyeng tse di farologanyeng.
Rre Mthimkhulu o boletse fa puso e tsweletse ka go rerisana le setshaba le go tsaya megopolo ka dikgang tse di farologanyeng di akaretsa le tsone tsa go neela dikago tsa puso maina.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Lotlamoreng II o ne a kopa gore puso e neele setshaba sebaka sa go fa dikago tsa morafe maina ka fa ba batlang kgotsa ba eletsang ka teng, a tlhalosa fa seo se tlaa dira gore mafelo a fiwe maina a a tshwanetseng.
A re dikago dingwe mo kgaolong ya gagwe ga di na maina a a maleba jaaka sepatela sa Good Hope, poso ga mmogo le dikago tsa sepodisi, mme ka jalo a kopa gore ba nne ba rerisiwa gore ba di fe maina a lebaneng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Ntlo Ya Dikgosi
Date : 03 Jul 2023