Breaking News

Go nna sebaka ga barutabana go digela maduo tlase- mogolwane

03 Jul 2023

Kwelo tlase ya maduo mo dikoleng tse dikgolwane mo kgaolong ya Legare e tsalwa ke diemo di le mmalwa tse di akaretsang go baya barutabana lebala le le leele mo sekoleng se le sengwe.

Kwa ntle ga dikole tse dikgolwane tsa Selebi-Phikwe, maduo a bontsi jwa dikole tse di mo kgaolong a wetse kwa tlase, selo se se tshwenyang bogogi.

Se se builwe ke mogolwane wa thuto mo kgaolong ya legare Rre Shandula Maphorisa mo phuthegong ya khansele kwa Serowe bosheng.   Rre Maphorisa yo e neng e le mongwe wa lekoko le le neng le rumilwe ke lephata la thuo mo kgaolong ya legare go dira dipatitiso ka go wela tlase ga maduo mo dikoleng tse dikgolwane, a re ba lemogile dingwe di le mmalwa.

Rre Maphorisa a re ntswa baithuti ba dirile sentle kwa dikoleng tse dipotlana, bogogi bo tshwenyegile thata ka go wela tlase ga maduo mo dikoleng tse di dikgolwane mo kgaolong ya legare. A re makhanselara a ne a tla ka tshutiso e e neng e batla gore go dirwe dipatlitiso tseo go bona gore matsapa di a tsaya kae.

Rre Maphorisa o boleletse makhanselara gore lekoko le bone gore kwelo tlase ya maduo e dirwa ke gore barutabana bangwe ba bewa mo sekoleng lebaka le leleele ba sa hudusiwe mme morutabana a iketle ka a setse a tlweelane le batho ba motse thata.

A re tlhaelo ya barutabana ke kgwetlho ka go dirisiwa barutabana ba nakwana go sa hiriwe ba ba rutetsweng tiro ya borutabana. Ba bone gape gore barutabana ba imelwa ke tiro ka ba ruta dithuto tse dintsi ka letsatsi.

O boletse gape fa go sena tomagano mo dikoleng dingwe fa gare ga bogogi jwa dikole le barutabana le ba komiti ya batsadi le barutabana, mme seo se dire gore thuto mo dikoleng e nne bokoa thata. Rre Maphorisa o boletse fa letlhoko la maroko a barutabana ga mmogo, go tlhoka ditsompelo jaaka dibuka le didirisiwa tsa thuto tse di tlhabologileng e le dingwe tsa dikgwetho.

Mme mo ditshwetsong tsa lone lekoko le boletse fa le rotloeditse barutabana go dira mmogo.

Ba boletse fa maduo a tshwenetse go sekwa sekwa ke barutabana fa a sena go tswa mme ba lebe se se bakileng gore bana ba seka ba dira sentle. Lekoko le rotloeditse gore go rutwe bana dithuto tsa ditiro tsa diatla thata tse e tlaa reng morago ba kgone go itshetsa ka tsone, le gore dikomiti tsa batsadi le barutabana di akarediwe mo ditirong tsa sekole.

Go boeletsa baithuti mophato o ba sa dirang sentle mo go one, le go dira meletlo ya go lemoga le go leboga baithuti le barutabana ba ba dirileng sentle go ka ba kgothatsa.

Fa ba ntsha la bone makhanselara ba boletse fa dilo di le mmalwa di kgoreletsa baithuti ba ba kgakala le ditlamelo go na le ba ba nnang mo metseng e metona le ditoropo. Mokhanselara wa Patikwane Rre Nametso Senku o boletse fa sekole sa Patikwane se go tsenang bana ba tengnyanateng se sa dire sentle le mororo bana ba, ba ne ba dirile sentle kwa dikoleng tse di potlana. A re boeteledipele jwa sekole ga bo dire go lekane ka jalo a kopa gore bo fetolwe.

O boletse fa barutabana bangwe ba nna fela ba le mo, malatsing a bolwetse bogolo jang ditlhogo tsa maphata a dikole.

Mokhanselara wa Tidimalo mo Serowe, Rre Solomon Dikgang o boletse fa batsadi ba tlhokomela bana mo thutong fela fa ba simolola kwa dikoleng tsa bananyana, mme go tswa foo ba ba tlogelela barutabana. O rotloeditse gore PTA e tshwanetse ya nna le seabe mo thutong ya bana.

Mokhanselara Dikgang a re go tlhaela ga boroko go isa seriti sa barutabana kwa tlase, le go ba kgoba marapo ka gore bangwe ba kopanetse matlo. Mokhanselara yo o ithophetsweng rre Goabamang Sethaba o boletse fa metshameko e ne e na le seabe mo go tliseng maduo, a re fa e sale e emisiwa bana ga ba ithute sentle. A re go a tshwenya gore malatsi ano barutabana ba tsee malatsi a boitapoloso  ba tlogela baithuti. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya khansele

Date : 03 Jul 2023