Breaking News

Borre lwantshang kgokgontsho

03 Jul 2023

Borre ba supile fa go sa tlotliwa le go kgobiwa ka dipuo go na le seabe mo dikgannyeng dingwe tsa kgokgontsho ya bomme mo kgaolong ya Botshabelo kwa Selebi Phikwe.

Borre ba re letlhoko la ditiro mo toropong ya bone le dirile gore seriti sa borre se wele kwa tlase mo malwapeng mme ba retelelwe ke go tsenya malwapa a bone mo tseleng.

Kwa pitsong ya borre kwa Botshabelo ka Labotlhano, borre ba ne ba re ka ba sa tlhole ba bereka bomme ga ba ba bone ka sepe, ka jalo ba ikopela tshidilo maikutlo gore ba kgone go laola maikutlo a bone go itsa go tsenya bomme letsogo.

Kgosi Ishmael Legwaila wa Botshabelo a re dikgang tsa kgokgontsho mo Botshabelo ga mmogo le botlhoka tsebe jwa bana, ga di jese diwelang. 

A re o ipotsa gore fa dilo di tswa mo taolong jaana borre ba bokgakala bo kae, a tlatsa ka go re ke sone se a boneng go le botlhokwa go bitsa borre gore ba ithune dinta.

Kgosi a re o tshwentswe ke gore le fa borre ba itela ka kgokgontsho ga ba begele ba sepodisi mme ba itseela molao mo diatleng  ka go betsa bomme.

A re go tswa ka kgwedi ya Mopitlo ngwaga o fetileng go fitlhela kgwedi ya Mopitlo ngwaga ono, ba sepodisi ba kwadisitse dikgetsi di feta lekgolo le masome mabedi tsa titeo mme bontsi di ama bomme.

Le fa go ntse jalo a re o swabisiwa ke gore bomme ba ne ba tsholola di le masome a fera bobedi le boraro, mme morago ba bowe ba tla go ipega fa ba biditswe ke borre. A re ba duba thankga ke dikgang tsa kgokgontsho mme go sena tharabololo.

Mokwaledi wa toropo ya Selebi Phikwe Rre Montshwariemang Matseka o kopile borre go ema ka dinao go supa fa le bone ba le teng go ka thusa go emisa kgokgontsho mo malwapeng.

 A re rre o ikobileng ebile a itlotla ke ene a ka fenyang kgang e, eseng rre yo eteleditseng go tsholeletsa mme letsogo, a tlatsa ka gore fa motho a sa tlhole a go rata ga o a tshwanela go mo gatelela gore a go rate, ka jalo go botlhokwa go tswa mo botshelong jwa motho wa go nna jalo ka kagiso.

Rre Matseka a re go a tshwenya gore borre bangwe ba itlhokomolositse boikarabelo jwa bone mo malwapeng mme se se dirile gore boleng jwa borre go wele kwa tlase.

A re bana ba dule mo taolong ka gore kgalemo ga e yo, lentswe la ga rre ga le utlwale mo malwapeng, a tlatsa ka gore rre o tlhodilwe e le motlhokomedi, ele ene a tsenyang lelwapa mo taolong ka go baya molao.

Rre Matseka a re bana ba gompieno ba dule mo taolong, ba goga diritibatsi ebile ba lwantsha bana ba bangwe ka gore ga gona kgalemo, a tlatsa ka gore bana ba ba golelang mo mebileng ba tsaya mekgwa e e sa siamang ya botlhokatsebe ka gore ga gona yo o ba kaelang tse di siameng.

O kaile fa borre ba gompieno ba rata monate, ba nna fela mo maitisong le ko ditsaleng mme se se dira gore malwapa a tswe mo taolong ka gore batsadi ga ba nne mo lwapeng go tlamela bana le go ba tsenya mo tseleng.

A re bangwe batsadi ebile ba neela bana ba bone diritibatsi gore ba ye go di rekisetsa bana ba bangwe ba sekole, a re kgang ya diritibatsi fa e ka seke ya lwantshiwa ke batsadi e tla digela lefatshe ka lemena.

Mongwe wa banni Rre Otukile Moshakga o lebogetse pitso ya borre mme a kopa borre go ema ka dinao go kgalema mo malwapeng le go thusa go tsenya malwapa a bone mo taolong.

A re ba sepodisi, le babereki ba bangwe ba puso ga ba kake ba kgona ba le nosi, mme go tlhoka gore borre ba emele motse wa Botshabelo ka dinao.

Kgosi Legwaila a re o ikaelela go bitsa pitso ya bomme le bana ba basetsana go leka go rarabolola dikgang tse gore Botshabelo e nne lefelo le le eletsegang.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Pitso ya borre

Date : 03 Jul 2023