Tshenyo ya diphologolo tsa naga e a tshwenya
05 Jul 2023
Tshenyo e e diriwang ke diphologolo tsa naga mo kgaolong ya Okavango e tsenya banni mo pitlaganong
Modulasetilo wa khansele ya Okavango, Rre Gaopalelwe Ronald o buile jaana fa a simolodisa bokopano jwa khansele eo bosheng.
Rre Ronald a re ofisi ya ba diphologo e kwadisitse dikgang tsa diphologolo tse di tshwenyang di le masome a fera bongwe le bone bosheng.
O boletse fa bontsi jwa dikgang tseo e le tsa tshenyo e e bakilweng ke ditlou tse di tshwarang masome a mararo le boferabobedi.
O ne a tlatsa ka go re dikgang tsotlhe tse di sa duelwang di feta makgolo a mararo mme go kolotwa ba ba amilweng ke tshenyo P643 359.
Le fa go ntse jalo, Rre Ronald o tlhalositse fa dituelo tsa ba ba amegileng mo tshenyong ya diphologolo di tsweletse ka kgaolo eo e filwe P500 000 mo ngwageng ono wa madi.
Fa ba akgela mo pegong ya modulasetilo, mokhanselara wa Shakawe Botlhaba, Rre Lesedi Boy o boletse fa ditlou di le dintsi mo kgaolong e bile di baya matshelo a batho mo kotsing.
Rre Boy a re o tshwenngwa ke bana ba sekole se sebotlana sa Kathiana mo Shakawe ba a reng ba tsamaya ka dinao mme ba mo diphatseng tsa go ka tlhaselwa ke ditlou, ka jalo a re bogolo ba thusiwe ka go batelwa sepalamo.
Mokhanselara wa Gudigwa/Beetsha, Rre Moyakoyi Makgetho o boletse fa tsela ya Mohembo-Gudigwa e baya matshelo a bakgweetsi mo diphatseng ka e le sekgwa e bile e na le ditlou.
Mokhanselara wa Seronga/Gunotsoga, Rre Boipuso Mangurunga a re dintsho tse dintsi mo kgaolong ya gagwe ke tse di bakwang ke ditlou.
Ka jalo, Rre Mangurunga o ne a kopa gore go isiwe ditirelo kwa ditsheng tse di sha mo metseng eo, a kaya fa batho ba ditsha tse di sha ba nna mo sekgweng e bile go sena ditsela. A re seo se borai ka ba ka kopana le ditlou nako nngwe le nngwe. Ends
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : GUMARE
Event : Phuthego ya Khansele
Date : 05 Jul 2023