Mothusa tona o gwetlha boeteledipele go tsibogela dikgwetlho
29 Jun 2023
Mothusa Tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Rre Aubrey Lesaso o gakolotse boeteledipele Jwa dikole go tsibogela dikgwetlho.
Rre Lesaso o buile se fa a ne a etetse le go lekola dikole tse dikgolwane tsa Lotsane Senior Secondary School, Mabogo Junior Secondary School (JSS), Mmaphula JSS, Palapye JSS le tse dibotlana tsa Ratsie Setlhako le Kediretswe mo Palapye bosheng.
O boletse fa a tshwenngwa ke gore dikole dingwe di bo di sena maranyane (Internet) ntswa a ne a le teng mme go sa diriwa maiteko go rarabolola seemo seo ka bonako.
Bagolwane ba dikole tseo ba ne ba bolelela mothusa tona fa ba tshwenngwa ke tlhaelo ya matlwana a borutelo, ditilo le ditafole tsa baithuti le tsa barutabana, diofisi tsa barutabana, matlwana a maranyane (science lab) le a dithuto tse dingwe di tshwana le tsa Design and Technology, Art, tlhaelo ya dibuka tsa baithuti le motlobo wa dibuka le boroko jwa barutabana le go tlhoka maranyane.
Kwa sekoleng sa Mmaphula go ne go supiwa fa setlankana sa maranyane se sa bolo go felelwa ke nako mme se tlhokana le go duelelwa, fa kwa go sa Palapye go tlhokafala gore maranyane a baakanngwe.
Rre Lesaso o ne a kopa ba lephata la thuto ba mo Palapye le ba bagolwane ba Serowe go latedisa dikgang tsa maranyane mo dikoleng tseo mme ba sekaseke gore a ka tlhokana le bokae go bona gore ba thusa dikole tseo ka ponyo ya leitlho.
A re maranyane a botlhokwa mo dikoleng ka e le one a barutabana ba ka a dirisang fa ba tsweletse ba ruta le fa go sena dibuka dingwe. O ne a re supa fa kgang ya maranyane e le nngwe ya dikgang tse Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a di tlhomileng kwa pele ka jalo dikole di tshwanetse go nna le maranyane ebile baithuti ba tshwanetse go fiwa tse ba ka tsenang mo maranyaneng ka tsone (laptops).
Rre Lesaso o ne a tswelela a supa fa a thswenngwa ke gore puso e ntsha madi go tlhabolola dikole mme sebe sa phiri e le gore ba ba tshwanetseng gore ba dire tiro bogolo jang ba ba mo diofising tsa thuto kwa Gaborone ba sa ntshe madi ba a neela ba maphata a thuto a a kwa dikgaolong.
A re se se supiwa ke gore fa ngwaga o fela lephata la thuto le busa madi a mantsi go sa dirwa ditiro tse di neng di tshwanetse go dirwa.
O boletse fa ba ba sa direng tiro ba tshwanelwa ke go tseelwe dikgalo, ka jalo a neela ba lephata la thuto mo Palapye sebaka sa dibeke tse pedi go itebaganya le maranyane a internet mo dikoleng tse di senang one.
Mo go tse dingwe, Rre Lesaso o ne a akgolela dikole tsa Palapye maduo a a itumedisang.
O boletse fa go supafala fa barutabana ba dikole tseo ba na le maikaelelo a go ruta bana.
A re dikole tsa Palapye di ne tsa kgona go tila manokonoko a COVID-19 ka maduo a tsone a supa fa a ne a seka a wela kwa tlase thata ntswa dikole tse dingwe di ne tsa babalelwa.
Rre Lesaso o ne gape a akgolela dikole tsa Palapye go nna le tirisanyo mmogo le bagolwane ba metse ba akaretsa dikgosi, makhanselara le dikomiti tsa ditlhabolo tsa metse.
O ne gape a supa fa a itemogetse fa dikole tsa Palapye di le lesego mo dikoleng tse a setseng a di etetse ka di na le matlo a borutelo a a botoka e bile dingwe di ne tsa agelwa matlwana a borutelo le fa a sa lekana mme sebe sa phiri e le terata e e di ageletseng ka e le makgasa.
O ne a supa fa puso e itse ka dikgwetlho tsa barutabana tse di leng mo dikoleng di akaretsa baithuti ba ba dirisang ditagi, ba ba nwang majalwa le go sa fiweng tlotla ke baithuti mme di tlaa tsibogelwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : PALAPYE
Event : Mothusa tona a lekola dikole
Date : 29 Jun 2023