Breaking News

'Inaakanyeng le mananeo'

29 Jun 2023

Mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Talita Monnakgotla a re o tlhaloganya diemo le dikgwetlho tse banni ba Sehunou ba tshelelang mo go tsone.

Mo loetong lwa gagwe kwa motseng oo bosheng, Mme Monnakgotla o supile fa a itumeletse go utlwa palo ya bana ba ba leng mo sekoleng se se botlana, e e fetang makgolo a matlhano, a re e supa fa motse o gola e bile o tlhabologa. A re bana ba bone ditlamelo jaaka fa ba le mo sekoleng, di tshwana le paka ya sekole, dibuka le dijo ka thuso ya khansele, e eteletswe pele ke mmaboipelego.

Mme Monnakgotla a re mmaboipelego o tshwanetse go itse mongwe le mongwe mo motseng le dikgwetlho tsa bone, bana le bogole , bagodi, bana ba dikole tse di botlana, tse dikgolwane le dialogane tota, le go bona gore a mme ba bona ditiro fa ba sena go aloga.

A re ga go a lekana gore palo ya dialogane e bo e le masome a mabedi le botlhano fela, mme go theogela ba le borobabobedi fela e bile e se ga se nnela ruri. O supile fa a tlhokometse seemo se e bile a tsile le mogokgo wa sekole sa tiro ya diatla go tla go tlhalosa gore ba ka thusa jang ba ba sa itewang seatla mo thutong kana ba sa bona sebaka sa go tsena sekole ka mabaka a selegae.

Mme Monnakgotla a re lenaneo le lengwe le le tsileng go ba tswela mosola ke la Ipelegeng e e tlhabolotsweng, e mo go yone, motho a fiwang setlankana morago ga tiro bogolo jang e tshwana le ya kago, go rulela, go tsenya motlakase le tse dingwe fela tse di amanang le tiro ya diatla gore fa a tswa foo, a kgone go tsamaya ka sone a ya go batla tiro kana a itshimololela kgwebo ya gagwe. O kgothaditse banana go inaakanya le lenaneo le gore ba kgone go ikoketsa botsipa.

O supile fa a buile e bile a santse a tlaa buisa bodirelapuso gore mo metseng ya tengnyanateng, go fiwe banni sebaka pele ga mongwe le mongwe fa ba tsentse ikopelo.A re ga a itumelela go utlwa gotwe ga go na morui wa dikoko tsa mae kwa Sehunou ebile mae a a jewang ke bana ba sekole a tswa kwa metseng e e mabapi, a re banana ba tsenele mananeo ba dire kgwebo eo ba jese bana ba bone.

Mothusa tona o lebogile khamphani ya Palms for Life ka go fa motse tshingwana ya Hydro-phonic e mo go yone morafe o tsileng go lema morogo ba rekisa gore ba kgone go itshetsa.

“Mananeo a mangwe a tlhabololo magae segolo bogolo yone ya polase e le buang ka yone, ke tsile go e sala morago gore e diragale. Kwa Inalegolo re na le polase, kwa Chobokane re na le polase, kwa Malatswae re na le polase, jaanong ke tsile go e sala morago gore fa go tsena boipuso, re seka ra tshwenya puso ka seshabo, meletlo e tshwana le Re A Nyalana, re bo re tsaya seshabo hela mo polaseng ya rona re le morafe,” Mme Monnakgotla a supa.

Modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse, Rre Samuel Keathupile, o supile fa mananeo ba a bona mme mathata e le dikgwetlho tsa ditsela le ditlhaeletsanyo mo motseng. O supile fa motlakase le maranyane e le selo se se seong mo motseng.

Rre Keathupile o supile fa motse o na le lebala le le lengwefela la kgwele ya dinao, mafelo a itloso bodutu le o ne ga a yo mo motseng mme seo se bolaisa banana le bana mo bodutu. O supile gore dikole tsa ithutelo tiro ya diatla le tsone ga di tseye dipalo tse di nametsang a tlatsa ka gore dialogane le tsone di mo malwapeng. 

Rre Keathupile o supile fa mananeo a nyeletso lehuma le one a phutlhame ka bontsi ka lebaka la go tlhoka ditlamelo, kitso le botsipa jwa go tsamaisa dikgwebo. A re ba tsere mananeo go tswa foo go bo go jelwa mo ganong mme a kopa puso go isa dithuto le dikitso kwa bathong ba ba amogelang mananeo.

Monni wa motse Mme Maipelo Matsipane a re o amogetse di dirisiwa tsa tiro ya moriri, a isiwa sekoleng mme go tlhoka motlakase mo motseng ga itsa kgwebo ya gagwe go tsamaya. A re di didirisiwa di ntse fela. BOKHUTLO

 

 

 

Source : BOPA

Author : Phodiso Gaebepe

Location : SEHUNOU

Event : phuthego ya kgotla

Date : 29 Jun 2023