Breaking News

Thuto ke boswa jwa sennela ruri

28 Jun 2023

Batsadi ba bana  ba  sekole se se botlana sa Werda mo Kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba kopilwe go emela thuto ya bana ka dinao ka e le boswa jwa sennela ruri.

Kopo eo e ne ya ntshiwa ke moeteledipele wa khampani ya Yonathan PTY (Ltd), Mme Dynah Kaartzee kwa moletlong wa go ipelela maduo a lokwalo lwa bosupa a ngogola le go abela baithuti ba ba dirileng sente dimpho.

Mme Kaartzee o boletse fa Kgaolo ya Kgalagadi e itsiwe ka maduo a a kwa tlase, selo se a supileng fa barutabana, komiti ya PTA, batsadi le baithuti le ba-na-le seabe ba tshwanetse go tshwaragana mo dikoleng go tokafatsa maduo.

O boletse fa nako e gorogile ya gore lenaneo la ga Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi la go fetola mokgwa wa go akanya  le maitlamo a tlhomo ntsha di tseelwe kwa godimo ka e le konokono mo go fetoleng ditlhaloganyo tsa botlhe go akanya mo go haphegileng ka bongwe ka bongwe gammogo le baithuti mabapi le tsa thuto.

O ne a fa sekai ka rraagwe mogolo, Moruti Nelson Kaartzee yo e leng mogaka wa pele wa kereke ya Dutch Reformed Church, yo o neng a simolodisa thuto mo kgaolong ya Kgalagadi ka boithaopo, mme a ntsha bommantswitswidi ba ba neng ba bereka ba bo ba atlega mo botshelong, selo se se neng sa gwetlha tautona wa bobedi, Sir Ketumile Masire go mo neela seetsele sa Naledi ya Botswana.

O ne a supa fa e le mongwe wa baithuti ba ba alogileng mo sekoleng se se botlana sa Werda mme a ne a dira ka natla go fitlhelela ditoro tsa gagwe, selo se a kgothaditseng baithuti go tsenya marapo dinameng ka sekole seo se ne se itsiwe ka maduo a mantle ka ngwaga wa 1988 le tse dingwe.

Mme Kaartzee o ne rotloetsa batsadi go tshwaraganela bana le barutabana mabapi le boitsholo go ba kgalemela, bogolo jang mo tse di ka ba gogelang mo mekgweng e e sa amolesegeng ka ba ka felela ba inaakanya le dino tagi le tse dingwe tsa botlhoka tsebe, mme ka di ka felela di ba senyetsa Bokamoso. 

O ne a tlatsa ka gore ba ba godisetse mo tumelong ka go ba rotloetsa go tsena dikereke “ka poifo Modimo e le tshimologo ya botlhale.”

O ne a supa fa a itlamile go bereka le dikole tsotlhe tse di leng mo Kgaolong ya Kgalagadi le tse dingwe maikaelelo e le go rotletsa le go tokofatsa maduo mo go tsone. O ne a kopa boetelepele jwa motse wa Werda gore a boele gape go ya go tshwara letsatsi la temo ya ditlhare e le thotloetso mo dithutong tsa temo-thuo.

Go le pele fa a amogela batsena moletlo oo, mogokgo wa sekole seo, Rre Watson Jakobs o ne a tlhalosa fa sekole seo e le sengwe sa tse di kgologolo mo kgaolong eo mme se amogetse baithuti ba le makgolo a matlhano mo ngwageng ono.

Rre Jacobs o ne a gwetlha batsadi go ikitaya ka thupana go thusa bana tiro ya sekole le gone go tsena diphuthego tsa PTA ka e le nngwe tsela ya go tokafatsa maduo a bana a supa fa sekole seo se le mo maemong a lesome le bobedi mo dikoleng di le masome a mabedi le botlhano mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa.

Mo go la kgothatso, molomaganya ditirelo tsa khansele mo Werda, Rre Benjamin Kabomo o ne a supa fa bana e le peo e e tshwanetseng go nosediwa gore e kgone go ntsha maduo a a itumedisang. 

Ka jalo a gakolola batsadi go ikgapha go dira ditiro tse di sa amolesegg fa pele ga bana ka ba ka felela ba kopa mekgwa eo mme e ba senyetse bokamoso.

Rre Kabomo o ne a rotloetsa batsadi le bone go inaakanya le thuto ka go etela motlobo wa dibuka o o motseng oo le gone go ithuta go ikoketsa mo dithutong tse di farologanyeng ka seo se ka tiisa baithuti moko mme ba kope mokgwa o o eletsegang mme se se ba gwetlhe go tlhwaafalela dithuto tsa bone.

Baithuti ba lokwalo lwa bosupa ba ngogola ba ba gaisitseng ba bangwe le ba mephato e e kwa tlase ba ne ba abelwa dikopi, ditlankana, le dimpho tsa madi a a fetang P28 000 ke Mme Kaartzee mmogo le sekole seo e le tsela nngwe ya go ba tiisa moko. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : WERDA

Event : ipelelo maduo

Date : 28 Jun 2023