Sir Seretse Khama mnusi wa popota
28 Jun 2023
Go gontsi mo Batswana ba ka go buang ka tautona wa ntlha wa Botswana, Sir Seretse Khama. Tautona Khama, o kaiwa e ne e le motho yo o senatla, a rata morero, a rata lefatshe la gaabo le batho ba lone.
Mongwe wa bagolo ba ba tshedileng ka nako ya ga tautona Khama, ke Mme Miriam Tsietso wa wa dingwaga tse di masome a ferebobedi wa Tsabong, o mo kaile e le motho yo a neng a ikemiseditse go isa Botswana kwa pele, morago ga go tsaya boipuso.
Mmega dikgang wa BOPA, Calvinah Kgautlhe o ne a etela Mme Tsietso go utlwa ka botshelo jwa nako eo, le kitso e a nang nayo ka tsamaiso ya tautona wa pele, Khama yo gape e neng e le kgosikgolo ya GaMmangwato.
Go ya ka Mme Tsietso tautona Khama le mothusi wa gagwe, Sir Ketumile Masire ba ne ralala lefatshe go lekola Batswana mme e ne e re ba phirimeletswe, ba robale ka fa tlase ga setlhare.
“Botshelo jwa nna jwa tswelela, ra bona ditlhabololo di oketsega ka fa tlase ga puso ya ga tautona Khama,” Mme Tsietso a tlhalosa.
Mme Tsietso a re o nnile le lesego la go bona tautona wa pele ka oo mabedi.
“Sir Seretse Khama ke a mo itse ke mmone ka matlho kwa phuthegong ya kgotla nako ya fa ke le morutabana kwa Kolonkwaneng ka 1970, a tsamaya a lekola morafe, a tshwara diphuthego a re solofetsa tse a tlaa di re direlang.
O ne a aga dikole a oketsa ditsela,” Mme Tsietso a tlhalosa. Pele ga boipuso a re kwa Kgalagadi, ba ne ba tshela ka diphologolo tsa naga, maungo a naga le digwere ba e tla ba lema.
“Diphologolo ka nako eo di ne di sa tshwarelwe, botshelo bo ne bo le monate, re ja, re epa bo tlhokwe, bo kwele, re ja digwere,” Mme Tsietso a tlhalosa botshelo jwa bone mo malobeng.
A re botshelo pele ga boipuso bo ne bo le boruma, ba sosologile go ka tlolela kwa mafatsheng a a mabapi, ba kgona go tlola molapo wa Molopo ba tlhola ba masika le ditsala kwa South Africa, go sena tsapa le ba fisang pelo.
Dilo tsa fetoga, ga segwa melelwane.
Ka dipaka tseo, Mme Tsietso o supa fa dikgosi di ne di phutha makgetho di a isa kwa Mafikeng kwa khansele e neng e tshwarelwa teng.
“Re kile ra dirisa Ponto, Shilling, Halocrone, le Ranta mme e ne ya re morago ga boipuso, madi a fetoga jaanong a bidiwa Pula, e re tsweletseng ka go e dirisa go fitlha ga jaana. Molaodi wa nako eo e ne e le motho mosweu mme o ne a tsamaya le kgosi a tshwere letogo la madi,” Mme Tsietso a tlhalosa.
O tlhalosa gape fa go ne go sena ditsela kwa kgaolong ya Kgalagadi, go ne go le tsela e le nngwe ya motlhaba e e yang Gaborone.
A re go ya Gaborone ba tswa Tsabong, go ne go ba tsaya malatsi a le matlhano,.
“Re ne re tsamaya re pakile digarawe gore re epolole fa koloi e nwela mo motlhabeng mme mosepele o ne o lopa R3 go ya Gaborone,” Mme Tsietso a tlhalosa.
A re ba sepodisi ba ne ba dirisa dikammela go tsibogela borukutlhi. E re ka go ne go sena diposo, nako tse dingwe go ne go neelediwa mapodisi ba kopanela fa Mabuasehube.
Botshelo bo ne jwa tokafala morago ga boipuso, dikoloi tsa oketsega, ditsela tsa agiwa le maphata a puso a nna a oketsega mo kgaolong, Mme Tsietso a supa. Ka nako eo a re o ne a le morutabana, ba ne ba hirisa dikoloi tsa ditonki go ba isa dikoleng ka go ne go sena ditsela, mme e re fa go tla nako ya dituelo, koloi ya khansele e ne e dikologa le babereki mo motseng e ba duela e bo e ba isa go ya go reka dijo e bo e ba busa.
A re lebentlele le ne le le lengwefela kwa Middlepits, ba reka koo ba tswa Kolonkwaneng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calvinah Kgautlhe
Location : TSABONG
Event : Potsoloso
Date : 28 Jun 2023