Breaking News

Royal Eagles e abela sekole sa Segopotso

27 Jun 2023

Mothusa molaodi wa Kanye Mme Amantle Mosweu o kopile setshaba go thusa batho ba ba nang le letlhoko.

  Mme Mosweu o buile mafoko a kwa moletlong wa ba kereke ya Royal Eagles kwa sekoleng se sebotlana sa Segopotso kwa Kanye  ka Labotlhano jaaka ba ne ba abela bana ba basetsana ba lokwalo lwa bosupa ba sekole seo mesangwana.

A re puso e ne ya ikuela mo setshabeng ka bongwe ka bongwe, mekgatlho, makalana le dikereke gore ba thuse ba ba nang le letlhoko go imolola puso.

Mme Mosweu a re ngwana wa mosetsana fa a sena mesangwana  ga a nne sentle e bile o latlhegelwa ke seriti, a re mme go mo setshabeng go bona gore se busetsa seriti le boleng jo jwa ngwana wa mosetsana.

Fa a itebaganya le bana o ne a re batsee dimpho tse ba di neelwang e le thuto mo go bone, a bo a re e re fa ba na le sengwe ba se abele yo mongwe yo a senang naso, a bo a re bana ba rutwe lefoko la Modimo.

Kereke e e abetse bana ba lokwalo lwa bosupa le lwa borataro mesangwana e le lekgolo le masome a ferabobedi, dipena, dipampiri tse di kwalelang, dimmakara le diraba.

Mogokgo wa sekole sa Segopotso, Mme Segopodiso Maphage o ne a supa fa sekole se na le maphatana a le mararo ebong la bananyana, la go tswa ka lokwalo lwa ntlha go ema ka lwa bosupa le la ba-na-le bogole. A re tiro e ba kereke ba e dirileng e tona, a re o dumela fa se e le tshimologo ya botsalano jwa bone le ba kereke ya Royal Eagles.

Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi, moeteledipele wa kereke ya Royal Eagles Mme Masego Magotho o ne a bolela fa kereke e dumela mo go abeng, a bo a re ba tlhophile sekole sa Segopotso ka gore se mo kgotleng ya  Ruele e kereke ka le yone e mo go yone.

A re se ba se dirileng ke tshimologo mme ba tlaa tswelela ba tshwaragane le sekole, go thusa ka tse ba di tlhokang, a supa fa kereke e eletsa go busetsa seriti sa ngwana wa mosetsana.

Mongwe wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Kamogelo Motlhaleemang o ne a kopa bana ba sekole gore ba ithute thata ba lese go diiwa ke ditshwantsho tsa motshikhinyego, mme ba tlhwaafalele go ithuta. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Kabo dimpho

Date : 27 Jun 2023