Dintwa mo dikerekeng di a tshwenya
27 Jun 2023
Modulasetilo wa khansele ya Serowe, Rre Keneilwe Monageng, o boletse fa go lwela maemo a boruti mo dikerekeng dingwe go thuba diphuthego e bile go oketsa go runya ga dikereke.
Rre Monageng a re go tletse pheretlhego mo dikerekeng, e dirang makgamukgamu a a paledisang phuthego go dira ditlhabololo ba phuthulogile.
O bolela fa go lwela maemo a boruti go jweleletse fela thata mo dikerekeng bogolo jang tse di nang le tatedi e ntsi.
Rre Monageng o buile jalo fa a bula semmuso dithuto tse dineng di diretswe, baruti, batiakone le baokamedi ba kereke ya Faith Gospel After Christ mo Serowe ka bofelo jwa beke.
O gakolotse maloko a dikereke go tlotla baokamedi ba bone le go ba gokolola eseng gonna digongwana ba tsenya pheretlhego.‘Kereke ke gone ko go tshabelwang teng, mme dikgokgontsho di tshwanetse go rapelelwa ka bongwefela ja pelo go phuthulogilwe,’ a tlhalosa.
O boletse fa mo dikerekeng dingwe baruti bangwe ba kgokgontsha bana ba phuthego, e bile ba inaakantse le ditiro tse di maswe jaaka go thubetsa mo go sa beyeng bareri ba lefoko la modimo sentle.
A re baphuthegi ba tshwanetse ba tshegetsa tsamaiso, ngwao le molao motheo wa kekere gore go seka ganna le tsietsego mo dikerekeng.
O boletse fa dikereke di tshwanetse tsa itirela letseno la madi gore ba tlhabolole dikereke tsa bone ka gore madi a moneelo ga a lekane.
O ba rotloeditse go kopa madi kwa mafatsheng a mangwe, ba tsene mo dikgwebong ba age madirelo a marekisetso a matona le gone go tlhama ditiro.
Rre Monageng o ba gakolotse gore ba kope lefatshe la temo mme ba leme dijo ka go farologana ba rekise ba nne le letseno.
Mogolwane wa mapodisi a Serowe, Superintendent, Poloko Oteng o boletse fa borukutlhi bo golela pele, mme a kgothatsa bakeresete go tshwara ka thata ba rapelela borukutlhi gore bo bepe.
O boletse fa mo kgaolong ya Serowe, ba tshwengwa ke borukutlhi ja dipetelelo, dipolaano, go tshosetsa go bolaana le go robala le bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi.
O boletse fa dingwe tsa tsone di diragalela ko dikerekeng, mme a kopa baruti le diphuthego go rapela ka tlhwaafalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Dithuto puisano
Date : 27 Jun 2023